!
MOREKISI W A VENISI (W ILLIA M S H A K E S P E A R E )
MOFETOLEDI KE
I i
M. 0 . M. SEBONI
AFRfCA PR 2798 SHA SEB
THE
lovedale press
LIBRARY
UNIVERSITY OF
T HE
WITWATERS RAND
MOREKISI W A VENISI (W IL LIA M S H A K E S P E A R E )
MOFETOLEDI KE
M. 0 . M. SEBONI, B.A., M.Ed., D.Ed.
Mokwadi w a : Rammone W a Kgalagadi Maboko— Maloba le Maabane Koketsa-Kitso Y a Lefatshe Kgosi Isang Pilane Kgosi Sebele I I Kgosi Henry W a Bone
THE LOVEDALE PRESS
1961
BD518426
X
os
G c2 3 ^
r* .s x &
PH EELELO Dumela M m ad i! “ Mo kakanyong ya me, lekwalo le ke phuthololo e e utlwalang sentlentle, mme nka isa pele ka re ke tshwanelo gore le gatisiwe. Mokwalo wa lone ga o na diphoso, puo yone ke ya matsetseleko, mme gape e e balegang gabonolo, thulaganyo ya dintlha tsa mafoko e jesa monate thata. Gape, kafa kelelelong ya me, lekwalo le le tla solega molemo ka go badiswa baithuti ba dikwele tse di kwa godimo le tse di thuthuntshang barutabana. Polelo ya Tshameko e tlotlwa ka mafoko a a e tshwanetseng a bile a e natetsha le maemo le botho ba bao e leng batshameki go iponatsha pepeneneng go yo a e balang.� Ka boikokobetso, Weno, E. P. Lekhela. Junivestikholejeng ya Lebowa, Pietersburg, Tvl. August, 1960.
iii
KETAPELE Mmadi, ga ke a go kwalela lekwalo le leĹĄa. Ke go baya pele phetolelo ya lengwe la dikwalo tsa mokwaledi yo mogolo wa Manyesimane ebong Wilamo TshikhinyatĹĄhaka. Ke dirile se mosadi a se dirang fa meruti ya bosigo e bipile lefatshe mme ngwananyana wa gagwe a kopa go robadiwa. Ke apotse polelo ya ga TshikhinyatĹĄhaka seaparo sa yone se se e tshwanelang sa puo ya Sekgowa ka e apesa kobo e e bothitho, kobo ya metlhose le diphologolo tsa borena, botau le ene nkwe, katsana yooletso loophage. Keletso ya me ke gore o ikutlwele mararai mararaanela pele, o bone jaaka motho a itse go bopa polelo mme le wena o tle o eletse go ikwalela. Ditsela tsa go ntsifatsa dikwalo mo puong di dintsi mme nngwe ya tsone e e humisang mowa wa mmadi ke ya go fetolela metshameko ya merafe e sele. Le nna ke ithwesitse namane e tona ya tiro ka kgopolo ya gore basimane le basetsana ba ba tla balang phuthololo e, ba tla tseega mowa ba tsenye moko mo marapong mme ba iteke letshego le nonofo ka go kwaleia bomonnaabone metshameko ya Setswana e e monate. Go ithuta ke go tsaya malebela mme go kwala ka phuthologo ke go boloka mafoko a puo a a ka nnang a re latlhegeia. Ke batla go leboga Radipuo tsa Bantsho, Porofesa G. P. Lestrade wa Junivesiti ya Kapa yo erileng ke ithuta fa dinaung tsa gagwe a nkgakolola thata go nna e re ke bonye lebaka ke fetolela dingwe tsa dikwalo tse di rweleng khumo ya mowa mme tse di kwadilweng ka diteme di sele. Sa bobedi, ke leboga mosadi wa me, Florence, Nontsikelelo, mo go nthuseng go fitlhela lekwalo le le fela go tĹ homololwa. Maina a batshameki a biditswe Setswana gore polelo e tle e balege sentle le gore bao ba sa itseng Sekgowa ba se ka ba nyerisiwa marapo ke maina a seeng. Dumela m m adi! University College, M. O. M. Seboni. Fort Hare, C.P. December, 1%0.
V
MAINA A BATSHAMEKI Mojuku wa Venisi Mojaboswa wa Moroko V barati ba ga Porošia Mojaboswa wa Arakone ) Antonio, Morekisi wa Venisi Basanio, tsala ya gagwe, le morata Porošia Solanio Solarino, > ditsala tsa ga Antonio le Basanio. Kerašiano ) Lorentso, yo o neng a ratana le Jesika Salerio, morongwi yo o tswang Venisi Šaeloko, Mojuta wa mohumi Tšhubala, Mojuta ebong tsala ya ga Šaeloko Lanselote Gobo, motshegisi, motlhanka wa ga Šaeloko Monna mogolo Gobo, rraagwe Laselote Leonato, motlhanka wa ga Basanio Balathasara batlhanka ba ga Porošia Setefano ) 6 Porošia, mosetsana wa mojaboswa yo o humileng thata Nerisa, mosadi yo o tlhokomelang Porošia Jesika, morwadia Šaeloko
TSHAMEKO PONO
I
I
Antonio : Ga ke itse ke futsafaditswe ke eng, rure, Se a ntapisa ; wa re le wena se a go lapisa ; Mme go re se ntseneletse jang, ka se bona, ka se ama, Le go re ke sa ’tsopa mang, le se bopilweng ka lone, Ke sa ntse ke tla ithuta. Mme khutsafalo e ntira setlaela mo ebileng, Ke tleng ke palelwe go itlhaloganya ka nosi. Solanio : Kakanyo ya gago e tlhanasela kwa Lewatleng, Kwa go Šapang dikepe tse di imelwang ke matlotlo Boo bagolo le baagi boramatlotlo mo morwaleleng, Kgotsa eketeng dišupiwa mo bophareng ba lewatle, Di tlhaetsang diketswana tsa khwebo matlho Tse di di obelang lengwele, di di tlotlang ka setu Jaaka di di sia ka ntlha ya diphuka sekakobo. Salarino : Ntumela, morena, fa ke ne ke dirile boiteko bo bo jalo, Bogolo ba dikakanyo tsa me, bo ka bo bo le Kwa ’tsholofelong tsa me, kwa kgakala. Nka bo ke sa ntse ke Kumola bojang go lekeletsa kwa phefo e tswang teng, Ke okomelela dimmapa matsenelo lewatle, diphefo, ditsela : Mme eng le eng e e neng e tla mpoifisetsa Bomadimabe ba go tswela papading ga me, ntle le pelaelo E ne e tla nkutlwisa botlhoko. Solanio : Phefo ya me e e tsidifatsang moro wa me, E ne e tla ntsenya letshoromo, fa ke akanya Tshenyo phefo setsubutledi e ka e dirang lewatleng. E ne e tla re ke bona sesupanako se se tsamaya,
1
Ke gopole ka mekwakwa, Je ka dipowa di namileng, Ke bone mmadikepe wa me Anterea a emisitswe motlhabeng,. A obetse bogodimo ba gagwe tlase ga ’kgopo tsa gagwe Go atla bobipo ba gagwe ; fa ke ne ke ile kerekeng Mme ke bona kago e e boitshepo ya majwe, Ke tlhoke go akanya ka pele mafika a a diphatsa ao, A fela go ameng ga one letlhakore la mokorwana wa me A neng a ka gasagasa dinkgamenate tsa one mo molapong, A kgabisa metsi a a phošometsegang ka disilika tsa me, Mme, ka bokhutshwane, tse le jaanong e leng tsa madi a mantsi Mme gape di sa tlholeng di a lekanye ? A nka gakologelwa Go gopola kaga se, mme a nne nka tlhoka kakanyo Ya gore motlha mongwe selo seo se ka nkhutsafatsa ? Mme lesa go mpolelela, ke itse gore Antonio O futsafaletse go akanya kaga magasigasi a dilwana tsa sone. Antonio : Ntumela mo goreng ga se jalo, ke leboga letshego la me, Boyapapading ba me ga bo a lebaganngwa le sekepe sosi, Kgotsa le tulo e le yosi ; kgotsa leruo la me lotlhe Le letshego la ngwaga ono wa jaanong : Jalo he, thoto ya me ya thekiso ga e nkutlwise botlhoko. Solanio : Ka ntlha ya’ng, go bonala o tshwenngwa ke tsa lerato. Antonio : Tloga fa, tloga fa ! Solanio : Wa re ga o ratane gope ? mme a re re o futsafetse Gonne o sa itumele ; mme go ne go ka nolofala Gore o tshege o tlolake, o re o a itumela Gonne ga o a futsafala. Jaanong, ka Janusu tlhogopedi, Mmopi o tlhodile batho ba sele nakong tseno ; Bangwe ba tlholang ba okometse ka matlhwana a bone ; Bangwe e le ba popego e e tlabang mme, Ba se keng ba šenamisa meno a bone go nyenya, Le fa Nesitoro a ikanne fa nywao ele e tshegisa.,
2
Go tsena Basamo , Lorentso , le Kerašiano.
Solanio : Basanio ke yo o etla yo, mogaeno yo o tlotlegileng. Kerašiano, le Lorentso. Dumelang, Re le sadisa le lekoko le le botoka. Salarino : Nka bo ke ne ka nna go fitlhela ke go itumedisitse, Fa ditsala tse di go tshwanetseng segolo di sa nkitsa. Antonio : Se o leng sone se ratega thata mo kgopolong ya me. Ke akanya gore thekisetso ya gago e a go bitsa, Mme o lebogela sebaka sa go gololesega wa tsamaya. Solanio : Dumelang, Marena a aka a a molemo. Basanio : Batlotlegi ba ba molemo loobabedi, re tla tshega leng ? bolelang, leng ne ? Le simolola go tlhoka botsala thata : a ke go nne jalo ? Solanio : Re tla ipha sebaka go lebelela setshego sa gago. Salarino le Solanio ba a tswa.
Lorentso : Mong wa me Basanio, ka o setse o bonye Antonio Roobabedi re tla le sia, mme ka nako ya dijo tsa motshegare Ke rapela gore o akanye kwa re tshwanetseng ra rakanela teng. B asanio : Mme ga ke nke ke go swabise. Kerašiano : O lebega o sa sedilega, Motlotlegi Antonio, O neeletse mowa wa gago mo go tlotleng lefatshe lotlhe : Le latlhegela bao ba le rekang ka go inaya matsapa thata, Ntumela, o fetogile ka mokgwa o o gakgamatsang rure. Antonio : Ke lebile lefatshe fela jaaka e le lefatshe Kerašiano, Serepodi, fa mang le mang a tshwanetseng go dira bogagagwe Mme ba me e le bo bo utlwisang botlhoko. K erašiano : Mma ke intshe seeleele, Ka ntlha ya tlhapedi le setshego a maswabi a maloba a boe, Mme sebete sa me bogolo se lelafale ka ntata ya beine, Gona le gore pelo ya me e tsidifale ka phegelo ya lesung. Kana monna yo madi a gagwe a thuthafaletseng ka kwa teng, O nnetseng semumu jaaka seseto sebopilweng ka mmopa mosweu ?
3
O robaletseng a tsogile ? mme a o abulela bolwetseng ba santlhokwe Ka go ngala a sa rumolwa ? A ke go bolelele sengwe Antonio^ Ke a go rata, mme ke 'rato la me le le mpuisang : Go na le banna bangwe, ba difatlhogo tsa bone Di tleng di okoge lobebe mme di bipege jaaka sediba sa mokwele1, Ba ipelafatse ka go nna mafoko makhutshwane ga ka bomo, Ka maikaelelo a gore ba kaiwe e le ba kgopolo Ya tlhalefo, tlhonamo, le boikgodiso bo bo feteletseng, Eketeng ba yo o reng, Ke nna Morena Moitsemasaitseweng otlhe, Mme e re ke atlhamisa dipounama tsa me, go se bogole ntĹĄa. epe. Oho, Antonio wa me, ke itse sentle kaga Ba ka mokgwa o fela o, ba itsegeng ka tlhalefo, Ntswa ba sa buwe sepe ; gape ebile ke tlhomamisa rure Fa ba ne ba ka bua, ba ne ba tla swabisa ditsebe tseo E neng e tla re di ba utlwa di bitse bomogolo wa bone diramatla : Ke tla go bolelela tse dikgolo kaga se lebaka le lengwe. Mme lesa go tshwara ditlhapi ka seoki se se se nang boipelo Ka ntlha ya seeleele se sa madumela-gotlhe, maikutlo a ; Tlaa, Lorentso yo o molemo, nama o setse sentle, Ke tla fetsa kgothatso ya me morago ga dijo tsa motshegare. Lorentso : . Go siame, re tla go tlogela go fitlhela motshegare,. Ke tshwanetse ka nna mongwe wa dimumu tse tsa batlhale, Gonne KeraĹĄiano ga nke a ntumelela go bua. K eraĹĄiano : Go siame, tlwaelana le nna gape mo dingwageng tse pedi, O tla se ke o itse modumo wa leleme la gago Antonio : Tsamaya sentle, ke tla gola go se kae ka ntlha ya se. 1 Mokwele = sediba se se boteng.
4
KeraĹĄiano : Ditebogo rure rure, gonne tidimalo e galalediwa fela Mo lelemeng la seruiwa le le tsididi, le ngwanyaneng yo o sa rategeng. Kerasiano le Lorentso ba a tswa.
Antonio : A seo jaanong ke sengwe ? Basanio : Keraťiano o bua bobe mme a sa bue sepe, go gaisa banna botlhe ba tikologo ya Venisi, mabaka a gagwe a tshwana le ditlhaka tse pedi tsa korong di fitlhilwe mo digelelong tse pedi tsa m m oko: o tla putla letsatsi lotlhe pele ga o di sela, mme e re o di bonye di rone go putlwa goo. Antonio : Go molemo : mpolelela jaanong, gore Mohumagadi ke mang Yo o mo ikanetseng go mo etela ka go kukuna Yo gompieno o solofeditseng go mo ntshebetsa ? Basanio : Ga se se se sa itsegeng mo go wena Antonio Gore ke koafaditse boťwa ba me mo gokae, Ka sengwe se se supang tsalela e e oketsegang Go feta jaaka thatana ya me e ne e ka tsweledisa : Mme le gone ga ke lelele jaanong go kokobediwa Go tloga boemong bo bogolo gakalo, mme keletso kgolo Ke go tswa ka tshobana la mogodu mo melatung E mo go yone botshelo ba me bo bo botlhaswa rure Bo ntshiileng ke se na puo : wena Antonio Ke go kolota madi a a gaisang 'a botlhe, le lerato, Mme ’rato la gago le legolo mo ebileng ke na le tokelo Go go anegela makunutu a me le maikaelelo otlhe, Goie ke phimole melato yotlhe e e ntebaganyeng. Antonio : Ke a go rapela Basanio yo o molemo e nkitsise, Mme fa gontse jaaka wena o sa ntse o ntse o eme, Ka pono ya leitlho la tlotlo, mma ke go tlhomamisetse, Sekgwama sa me, nna ka nosi, thata ya me yotlhelele Gotlhe go reboletswe kopo yotlhe ya gago pepeneneng. Basanio : Malatsing a me a thuto, e ne ere fa ke latlhile motswi
5
Ke konope o mongwe gape bone bokgakaleng boo E le yone ntlheng eo, ka tlhokomelo e e tletseng Go ya go tsoma o mongwe teng, mme go e batleng mmogo, Ke tle ke e sele yoommedi,. Ke gakolola sekao sa bongwana se, Ka se se latelang e le tlhoka molato e e phepa. Ke go kolota bokete, mme jaaka lekolwanyane le le tlhogo e thata, Gotlhe ke go adimileng go latlhegile : mme fa tsweetswee O ka hulela motswi o mongwe gone ntlheng eo Kwa o huletseng wa ntlha teng, ga ke beiaele, Jaaka ke tla tlhokomela tebaganyo, go e batla yoommedi, Kgotsa go busa bolatlhegelo ba gago ba bobedi gape, Mme ka tebogo ke nne ke tshwanetse go duela wa ntlha. Antonio : O nkitse sentle, mme o senya lebaka fela O dikadika kaga lerato o sa tlhamalatse mafoko, Mme ntle le pelaelo jaanong o ntshiamololela go fetisa Ka go ipotsisa ka sebopego sa me, Fa o ne o sentse wa phatlalletsa gotlhe ke nang nago : Mme tlhe a ko o mpolelele gore ke dire eng Se ka kitso ya gago gongwe se ka diriwang, Mme ke tla itigela mo go sone : jalo he, bua. B asan io : Kwa Belmonte go Mohumagadi yo o tlogetsweng le matlotlo, Gape o montle, o montle go padisa lefoko leo, Wa maitseo a a iphaphileng : motlha mongwe matlhong a gagwe Nkile ka amogela melaetsa e e itumedisang tidimalong : ’lna la gagwe ke Poroťia, yo o sa gaisiweng Ke morwadia Khato, Poroťia wa ga Brutase, Mme yo lefatshe lotlhe le seng fifing mabapi le maemo a gagwe, Gonne ’phefo tse nne di foka go tlisa go tswa mabopong otlhe
6
Bamorati, batlhophiwa, mme meritshana ya gagwe e e phatsimang E lepelela dipupung tsa gagwe jaaka sesetlo sa gauta, Se se dirang setilo sa gagwe boitshetlego ba Kholekose, Mme bojasone ba bantsi ba tla go mo senka. Ao Antonio wa me ! fa fela ke ne ke na le matla Go bapodisana le mongwe wa bone mo leratong, Ke na le kakanyo e e ntupeledisang khuparelo, Gore ntle le kgang ke ne ke tla nna tshego. Antonio : O itse gore matshego a me otlhe a mo lewatleng, Le gone ga ke na madi, kgotsa dilwana diemisetsi Go phutha madi a bokalo bono, jalo he tramaya, Leka se poloK O ya me kwa Venisi e ka se dirang, Mme e ntshiwe yotlhe le fa e le go sia sepe, Go go tlhatlhelela go ya Belmonte go Porosia montlenyane. Eya go botsa jaanong, mme le nna ke tla ya Kwa go leng madi, mme ga ke botse le go botsa Go a bona jaaka ke ikanyega, kgotsa ka ntlha ya me. B a a tswa
PONO
2
Go tsena Porosia le morongwi iva gagwe , Nerisa.
P oroťia : Ammaarure Nerisa, mmejana wa me o lapile ka ntlha ya ’fatshe le legolo le. N erisa : O ka bo o le mohumagatsana wa setswerere, fa khutsafalo ya gago e ka bo e le kgolo go lekanngwa le matshego a gago a a eletsegang : mme legale ke lemoga gore ke ka lebaka la eng, gore ba Jwale ba ba tlabilweng dibete ke kgoro, jaaka ba ba bolaisiwang tlala ke go tlhoka gotlhegotlhe ; lefa go ntse jalo ga go boitumelo go nna fa gare jaaka philo ; khumo e leretse mohumir go thunya ga moriri wa tlhogo mme yo o B— VENISI
7
itsholetseng ka selekanyo o itshelela ka boleele go mo gaisa. Poroťia : Mabolelo a a thata, mme a buiwa ka bokgabale. N erisa : A ka bo a le botoka fa a ne a tla reediwa. P oroťia : Fa go dira go ka bo go ne go le bonolo jaaka go itse se se siametseng go dirwa, matiwana a tirelo e ka bo e le dikereke, le metlaagana ya bahumanegi e ka bo e le dipaleisi tsa barwa ba marena : yo a salang ditaelo tsa gagwe morago ke motho sekamodimo ; nke ruta ba ba masome mabedi gabonolo se se tshwanetseng go dirwa, gona le go nna mongwe wa ba ba masome mabedi go diragatsa seo ke se rutang : boboko bo ka nna ba direla madi melao, mme kgalefo ya tlodisa matlho molao o o beilweng go iketlilwe, bohega bo bo jalo ke botsenwa ba bokau, go sutlhaganya mafaratlhatlha a kgakololo e e molemo ke bogole ; mme gone kakanyo ya mothale o ga se e e nkisang kwa go ntlhopheleng monna : Mmalonna wee ! lefoko la go tlhopha, ga ke na tetleieio go kgetha yo ke mo ratang, kgotsa go gana yo ke sa mo rateng, mme he thato ya morwadi yo o tshelang e iaolwa ke rraagwe yo o suieng : a ga se bothata ne Nerisa, gore ke tihokiswe go tlhopha mongwe lefa e le go gana ope ? N erisa : Rrago e ne e le motho yo o pelonomi pakeng tsotlhe, mme baitshephi lesung la bone gantsi ba tle ba senolelwe masaitseweng, jaanong he, thulaganyo ya go t!hopha mofenyi ka dipolokelo tse tharo tse tsa gauta, selofera le loto, e leng gore yo o tlhophang e e rileng, o tihopha wena, lefa ebile go rile’ng, ga e ka ke ya diragatswa ke ope gope, fa e se yo o tla mo ratang e le rure : mme maikutlo a lerato a kae pelung ya gago malebana le mongwe wa barati ba ba bana ba dikgosi ba, ba ba ntseng ba boeieia fano ? Poroťia : Ke a go rapela ba baiolole ka maina, mme e tla re o ba bitsa, ke tlhalcse mongwe le mongwe, mme o lekanve ka thanolo va me lerato la me. N erisa : Sa ntlha go na le Morwa Kgosi wa Neapoleta. P oroťia : Ee, ke petsana ya nnete, gonne ga a dire sepe fa e se 8
go bua kaga pitse ya gagwe, mme o e dira sekai sa botsalo ba gagwe ba segosi jaaka a itse go e rwesa ’tlhako tsa ditsh ip i: ke boifa thata kgarebe ya me mmaagwe o tlhokile go ikanyega mo mothuding. N erisa : Gape go na le Motlotlegi Mookamedi wa Kgaolo. Poroťia : Ga a dire sepe kwa ntle ga go sosobanya sefatlhogo (jaaka motho yo a reng, tlhopha, mme ga o nke o mpone : o utlwa dikgang tsa boitumelo mme ga nyenye le go nyenya, ke boifa gore o tla tshwTana le moakanyi yo o tlholang a ledile fa a gola, ka a tletse khutsafalo ya makgakga bokolwaneng ba gagwe). Nka mpa ka nyahva ke legata la moswi le le hupileng lerapo ka molomo, bogolo go go ya go mongwe wa ba babedi ba : Modimo o mphemele go bone ka bobedi. N erisa : Mme w^a re'ng ka Morena wa Mafora, Motlotlegi Le Boune ? Poroťia : Modimo o mmopile, mme a a tsewre jaaka monna ; tota tota ke teofo ke a itse go nna mokgadi, mme ene, lefa a na le pitse e e gaisang ya Moneapoleta, le mokgwa o o kaone wa go susubanya sefatlhogo go feta Motlotlegi Mookamedi, setslnvanong monna gotlhe ntswa e le legatlapa, fa noonyane e opela, ka pela o setse a bina, a ka iphemela ka seriti sa gagwe. Fa nka mo nyala, nka nyala banna ba le masome m abedi: fa a ka nnyatsa, nka mo itsfnvarela, gonne fa a nthata mo go tsenyang botsenwa, ga nka ke ka ba ka mo dumela. N erisa : Jaanong wa re'ng kaga Falakhoneboriji, Motlotliwa yo mmotlana wa Ennyelane ? Poroťia : O a itse fa ke se na sepe se ke se buang nae, gonne ga a ntlhaloganye, le nna ga ke mo itse : Ga a itse Selatini, Sefora gongwe Sentariana, mme go tla tla wrena lwapeng go ikana fa kitso ya me ya Senyesimane e le e potlana thata : ke setshwantsho tota sa monna, mme le go le jalo ke mang a ka tlotlang le tsebesusu ? kana o apere botlhaswa jang ! ke gopola o rekile seaparo sa gagwe kwa Italia, dikausu mo Fora, hutshenyana kwa Jeremane, mme maitseo one, gongwe le gongwe.
9
N erisa : Wa re’ng ka Morena wa Lesekotšhe yo ba bapileng mmogo ? Porošia : Gore o na le lerato la moagelwane pelung ya gagwe, gonne o ne a adima sethusakutlo sa Monyesimane, a ikana fa a tla mo duela gape a bonye m ad i: ke solofela gore Mofora o ne a mo emela mme a tshwaya ’ina la yo mongwe ka fa tlase ga sekano. N erisa : O bona jang iekawana la Mojeremane, ntsala’a Mojuku wa Sakesoni ? Porošia : Ka letlhoo le legolo mo mosong a ise a tlhapelwe mme maswe bogolobogolo ka thapama fa a tagilwe : fa a le maemong a setho, o maswe go se kae go feta monna tota, mme fa a se na molemo o botoka go le gonnye mo phologolong ya naga : mme go konotetsa mafoko ka bokgabale, ke solofela gore ke tla itlhaganelela go tshela kwa ntle ga gagwe. N erisa : Mme fa a ka ikabela go tlhopha, mme a tlhopha sebolokelo se se tshwanetseng, o tla bo o gana go diragatsa thato ya ga rrago, fa o ka gana go mo amogela. Porošia : Jalo he, ka go boifa bosula, ke go rapela gore o beye galase e e boteng ya beine ya Sefora mo sebolokelong se sele, gonne fa tiabolo a le mo teng, mme thaelo eo e le kwa ntle, ke itse gore o tla tlhopha sone. Ke tla dira ka fa ke nang le gone, Nerisa, pele ga ke nyalwa ke seramatla. N erisa : O se ka wa boifa go tsewa ke mongwe wa Marena a, Mohumagadi, ba nkitsisitse maikaelelo a bone, ebong rure go boela magabone, le go lesa go tlhola ba go tshwenya ka phereo gape, fa e se fela fa o ka itseelwa ke mothonyana kgatlhanong le thulaganyo ya ga rrago, go ya ka dibolokelo. Porošia : Le fa nka tshela ka ba ka tsofala jaaka Sibilla, ke tla swa ke itshekile jaaka Diana, fa ke sa tsewe ka mokgwa o o laotsweng ke rre : ke a itumela setlhopha se sa bakopatseo se na le kakanyetso, gonne ga go na ope mo go bone yo ke sa eletseng go tsamaya ga gagwe : mme ke rapela gore Modimo o ba bolotse ka tlamelo e e molemo.
10
N erisa : A ga o gakologelwe, Mohumagadi, mo nakong ya rrago a sa tshedile, Movenisi, moithuti le motlhabani yo o tlileng fano a patilwe ke Marekwisi wa Monteferata ? Porošia : Ee, ee, e ne e le Basanio, fa ke sa gakwe, o ne a bidiwa jalo. Nerisa : Rure Mohumagadi : ke ene mo banneng botlbe ba matlho a me a bonyana a kileng a ba tsepama, a neng a tshwanetswe ke Mohumagadi go phadisa botlhe. Porošia : Ke mo gakologelwa sentle, mme ke gakologelwa fa a tshwanelwa ke pako e o mmokang ka yone. Go tsena Morongwa.
Jang jang, ’kgang ke dife ? M orongw a : Baeti ba bane ba a go batla Mohumagadi go dumedisa : mme go na le ketapele e e tswang go wa botlhano, Morwa Kgosi wa Moroko, yo a tlisitseng la go re Morwa Kgosi mong wa gagwe o tla goroga maitseboeng ano. Porošia : Fa nne nka amogela wa botlhano ka pelo e e bulegileng jaaka nka tsamaisa ba bangwe ba bane sentle, ke ne nka itumelela go atamela ga gagwe : fa a na le sebopego sa moitshephi, le setshwano sa sefatlhogo sa ga tiabolo, ke ne ke ka eletsa gore a itshwarele ditlolo tsa me gona le go ntira mosadi. Tla Nerisa. Rra etelela pele ; e re re tswala setswalo fa morago ga mmatlanyalo, yo mongwe o kokota kwa kgorong. B a a tswa.
PONO
3
Go tsena Basanio le Šaeloko wa Mojuta.
Šaeloko Basanio Šaeioko Basanio Šaeloko
: : : : :
Sekete le makgolo a mane a madi, a siame. Ee, morena, sebakeng sa kgwedi tse tharo. Kgwedi tse tharo, go siame. A jaaka ke go boleletse, Antonio a tla a golegelwang. Antonio o tla tshwarwa fa tuelo e se yo, rure.
11
B asanio : A o ka nkemela ? A o tla intumedisa ? A nka itse phetolo ya gago ? Šaeloko : Sekete le makgolo a mane a madi mo kgweding tse tharo mme le go golegwa ga ga Antonio. B asanio : Karabo ya gago go seo ? Šaeloko : Antonio ke monna yo o molemo. Basanio : A o utlwile kumakelo nngwe ya kganetso go seo ? Šaeloko : Ao, nnyaa, nnyaa, nnyaa, nnyaa ; ikaelelo ya me mo go reng ke monna yo o siameng, ke go go tlhaloganyetsa gore ke motho yo o ikanyegang, le fa leruo la gagwe e le dipapadi tse di iseng di gorosiwe : o na le sekepe se lebileng Tripoli, se sengwe ntlheng ya Intia. Gape ke utlwa ka pudiyatsela kwa Borakanelong ba tarekisi le bomaitsayanape, gore o na le sa boraro kwa Mexico, sa bone se ya Ennyelane, mme malekamatshego a mangwe o a phatlaladitse le naga. Mme dikepe di tshwana le dipolanka, bašapisi jaaka batho, go na le dipeba tsa mmung le dipeba tsa metsing, magodu a metsing le magodu a mmung, ke raya magodu a mo lewatleng, mme ebile go na le diphatsa tsa lewatle, diphefo le mafika : lefa go ntse jalo monna yoo o itsholetse sekete le makgolo a mane ; ke gopola gore nka amogela boipofo ba gagwe ba go duela. B asanio : Tlhomamisediwa gore o ka bo amogela. Šaeloko : Ke tla tlhotlhomisa fa ke tshwanetse : mme gore ke tle ke tlhomamisediwe rure rure, ke tla ikakantsha ka nosi, a nka bua le Antonio ? B asanio : Fa o sa kgorelediwe ke go ja le rona maitsiboa. Šaeloko : Ee, go nkga nama ya kolobe, go tlhaba boago bo moporofeta wa lona wa Monasareta o leleketseng serapa sa dikolobe mo go bone : ke tla reka le wena, ke rekise le wena, ke bue le wena, ke tsamaye le wena, mme jalo ke latele : mme ga nke ke eja le wena, ke nwe le wena, ke rapele le wena. Dikgang kwa Borakanelong ke dife, yo o tlang yo ene ke mang ? Go tsena Antonio.
Basanio : Yo ke Motlotlegi Antonio.
12
Šaeloko : A bo a tshwana le mokgethisi wa sekopa-ka-leleme. Ke mo tlhoela go bo a le M odum edi: Mme bogolo, gonne ka boikokobetso bo bogolo O adima batho madi fela fela, mme o fokotsa Tlhwatlhwa e e lopelwang kadimo mono ke rona mo Venisi. Fa nka mo re tla motlha mongwe fa nokeng, Ke tla thamukedisa mafura pelo e ke mo tshwereng ka yone. O tlhoile morafe wa rona o o boitshepho, mme o &ot!a Le teng kwa barekisi ba tlholang ba phuthegile teng Ka nna, matlotlo a me, le ikokotleletso e ke itiretseng rure, E a reng ke tsalela ya m ad i: Morafe wa me o hutsege Fa nka mo itshwarela ! Basanio : Šaeloko, a o a utlwa ? Šaeloko : Ke tsere kgang ka tse di ntiragalelang jaanong. Mme ka phopholetso kgakologelong ya me Ga nka ke jaanong jaana ka kgobokanya kidikwe Ya sekete le makgolo a mane a m ad i; foo wa re’ng ? Tubala, mohumi wa Moheberu wa Mogaetsho, O tla mponela leano ; mme iketle, ke kgwedi tse kae O di ikopelang ? Digela dibete, n\otlotlegi yo o molemo, Motlotlegi ke ene motho wa bofelo yo re neng re mmua, Antonio : Šaeloko, lefa ke sa neye ke adima gongwe ka tsaya ke Adingwa, gongwe go naya go fetisa, Le go le jalo go tlosa botlhoki bogolo ba tsala ya me, Ke tla fapoga tlwaelo ; a o na le kitso jaanong Gore o ne o tla kgona bokae ? Šaeloko : Ee, ee, sekete le makgolo a mane a madi. Antonio : Mme mo dikgweding tse tharo. Šaeloko : Ke ne ke lebetse, kgwedi tse tharo, o mpoleletse jalo. Mme he, boipofo ba gago : mme mma ke bone, gape utlwa se, Ke gopotse o ne a rile ga o adime gongwe go adingwa ka Tsholofelo ya tsalela. Antonio : Ga se se ke se dirisang ka metlha.
13
Šaeloko : Erile Jakoba a fudisa dinku tsa ga rangwanaagwe Labane, Jakoba yoo, go tsweng go Aberehama wa rona moitshepi, e neng (Jaaka motlhalefi mmaagwe a ne a mmereketse) E le mojaboswa wa boraro : rure, e ne e le wa boraro. Antonio : Mme ga twe’ng kaga gagwTe, a o ne a ipeela tsalela ya madi ? Šaoloko : Nnyaa, a sa tseye tsalela ya madi, nka se re tota Tsalela ka tlhomamo, ela tlhoko gore Jakoba o dirile’ng, Fa Labane le ene ba sena go dumalana Gore dikwanyana tsotlhe tsa bophatshwana le botilodi Di tlhaolwe madisa a ga Jakoba, yare dinamagadi ka di nonne, Nakong ya Gw^etla tsa retologela diphelefung, Mme yare tiro ya go tsosolosa lesika e diragetse, Gareng ga maitisi a a boboa ao tirong eo, Modisa yo o botlhale a nkobolela dithobanyana di railwe. Mme mo go direng tiro eo ya pelonomi, A di epela ka dintlha pele ga dinamagadi di nonneng. Tse erileng go dusa, yare lebakeng la go tsala Tsa diga mabalabala a dikwanyana, e le tsa ga Jakoba tseo. Seo e le tshimologo ya khumo, a bo a tshegofaditswe ; Mme khuparelo ke tshegofatso fa batho ba sa utswTa gope. Antonio : E ne e le tekaletshego, rra, se se diseditswTeng ke Jakoba, Selo se seng thateng ya gagwTe go se diragatsa, Mme se se laolwang se dirwa ke letsogo la legodimo. A se se tsenyeditswe go ntsifatsa tsalela ya gago ? Kgotsa gouta va gago le selofera ke dinku le diphelefu ? Šaeloko : Nka ke ka tlhalosa, mme nna ke di tsadisa ka pelepele, Mme ntsaya tsia, motlotlegi. Antonio : Ela selo se tlhoko se, Basanio. Tiabolo a ka nna a peteketsa Beibele go iphemela,
1!
Motho yo o bosula fa a ntsha bosupi bo boitshepileng, O tshwana le modiradibe yo o ’fatlhogo se nyenyang, Apole e e lebegang e budule ntswa e bodile ka kwa teng. Ao, kana boferefere bo lentle le lentle jang ! Šaeloko : Sekete le makgolo a rmne a madi, ke mongobo wa madi tota. ’Kgwedi tse tharo go tse di lesome le bobedi, a ke bone gore bokae. Antonio : Ke one, Šieloko, a mme re tla go diegela ? Šaeloko : Motlotlegi Antonio, nako le nako mme gantsintsi O ne wa ntšhakgalela kwa tlung ya Borakanelo Ka ntiha ya madi a me le ka boitshwaro ba me : Mme ka go reetsa fela ka go go itlhokomolosa, (Gonne pelonomi ke letshwao la morafe wetsho otlhe), O mpitsa mohaitane, ntša ya seloma-mooki, Mme o kgwetse mathe moteting wa me wa Sejuta, Gotlhe mo fela ka ntlha ya tiriso ya ditsame, Ntse go le jalo, go lebega ekete o tlhoka thuso go nna : Emela koo, o tla go nna, mme wa re, Saeloko, re eletsa go adima madi, wa rialo : Wena tota yo o kgwetseng mathe mo ditedung tsa me, Wa nthagaka jaaka fa o bifela ntša e se nang mong Fa serepuding sa gago ; se o se tsomang ke madi. Kana ke go reye ke re’ng ? A ke se ka ka botsa ka re, A ntša e na le madi ? a rure go ka diragala gore Ntša ya lekgorokgopa e adime sekete le makgolo mane a madi,. Kgotsa a ke ke wele fa fatshe, mme ka ’ntswana la lelata Le mowa o tlhaelang, le go sebaseba ga boikokobetso, Ke re : Go siame, morena, o nkgwetse mathe maloba ka Laboraro ; Wa sotla ka nna ’tsatsing leo ; yare gape motlha mongwe Wa mpona fa ke le ntša : mme ka maitseo a a setho a Ke tla go adima jaanong madi a mantsintsi rure. Antonio : Ke sa ntse nka nna ka go bitsa maina jalo gape,
15
Go go kgwela mathe gape, le go go nyatsa gape gape, Fa o akanya go nkadima madi, a adime e seng jaaka Go ditsala tsa gago, gonne botsala bo kile ba gotsa leng Letso loo-tshipi e e thata mo tsaleng ya bone ? Mme adima mt di a gago mmaba wa gago, Yo e tla reng a itsjketsa, ka sefatlhogo se se se nang tlhong O dire gore a otlhaiwe thata. Šaeloko : O bonelang ka fa o tsubutlang ka teng, Ke rata go nna tsala ya gago, le go ratwa ke wena, Go lebala makgaphila a o ntilakileng ka one. Go go naya se o se batlang jaanong, le e seng go tsaya fatc-ng Ya tiriso ya madi a me, mme o gana go ntheetsa, Se ke bopelontle bo ke bo go bayang pele. Basanio : Se ke pelonomi rure rure. Šaeloko : Ke tla supa bopelonomi bo, Yaa le nna go agente, o nkgatisetse koo Boitlamo ba gago gangwe fela, mme tshamekong, Fa o sa ntuele ka lets.itsi le le dumalanweng, Tulong e e beilweng, bokete kgotsa dikete di Boletsweng tumaianong, a tatlhegelo E emisetswe ka ponto e e lekanang nayo Y^a nama ya gago e ntlenyane, go segwa mme e tlosiwa Tokologong efe kana efe mmeleng wa gago, e e nkgatlhang. Antonio : Ke kgwedisegile rure, ke tla supela boitlamo boo, Ke tlhalose gore Mojuta o na le pelonomi e. Basanio : Ga o nke o ntshupele boitlamong bo bo ntseng jaio, Nka mpa ka nna mo go itlhokeng ga me. Antonio : ’Baka la’ng se boife monna, ga nke ke e tlhaela, ’Kgweding tse pedi tse, ke go re kgwedi pele ga Nako ya boitlamo e fela, ke tota ke solofetse poelo Ya madi a kana ka boitlamo bo gabofera-mongwe fela. Š aelo k o : Ao rra Aberehama, se Badumedi ba ba leng sone, Ba boitimokanyo ba bone bo ba rutang go belaelela Dikgopoio tsa ba bangwe, rapelesega o mpoleleie se,
16
P a a ka tlodisa letsatsi la gagwe, ke tla boelwa ke’ng Mo go saleng morago kemisetso ka fa boitlamong ? Ponto ya nama ya motho e segilwe mo mothung, Ga se selo sa botlhokwa, gongwe se se busetsang Jaaka dinama tsa dinku, dikgomo, gongwe dipudi, ka re Go reka ’rato lwa gagwe, ke godisa botsala bo, Fa a ka bo amogela, go siame : e seng jalo sala sentle, Mme fa o eletsa ’rato la me, ke a go rapela o se nthumule. ..Antoniio : Ee, Šaeloko, ke tla ikanela boitlamo bo. iŠaeloko : Mme he, a re kopanele jaanong jaana kwa ga agente, Re mo neye taelo mabapi le boitlamo bo bontle bo, Mme ke tla tlhamalalela go ya go olela madi, sekgwameng. Ela ntlo ya me tlhoko e e setseng tisong e e sisimosang Ya senokwane se sa jeng se ipeela : mme ka bokhutshwane Ke tla bo ke bile ke le fano. Šaeloko o a tswa.
A n to n io : Tloga fa Mojuta ke wena o pelo namagadi. Moheberu yo o tla fetoga Mokeresete, o nnela pelo go ya pele. B a san io : Ga ke rate ditumalano tse di siameng, le mowa wa senokwane. .A ntonio : A re ye, ga go ka ke ga nna le boikwatlhao mo go se, Dikepe tsa me di tla goroga kgwedi pele ga ’tsatsi leo. B a a tswa.
17
TSHAMEKO PONO
II
I
Go tsena Moroko yo mosetlhanyana a sweufetse le diapara tnrnogo le halatedi ba hararo gongwe hane ha latelanye ka tlhatlologano ya maemo a hone, ha tsamaya le Porosia, Nerisa le hahalatedP Go utlwala mogzvasa zva ditorompeta.
Moroko : Se mpifele ka ntlha ya mmala wa me, Letlolo le lentsho la letsatsi le le fisang Ke leng mmapanalo le lesika la lone. Nteretse setshedi sentle se tsetsweng kwa Bokone, Kwa molelo wa Letsatsi o sa gakoloseng dikgapetlana, Mme a re iphatsetse ’rato lwa gago ditlhabela, Go tlhopha yo o madi mahibiduhibidu, a gagwe kana a me... Ke a go bolelela Mohumagadi, letshwao le la me le, Le tshabilwe ke bagale (ke ikana ka lerato la me) Makgarebe a gaetsho a a rategang segolo setona Le one a le ratile : ga nka ke ka ananya mmala o, Fa e se go gabeva ’kakanyo tsa ’go mohumagadi o bonolo. Porošia : Fa e le go itlhopheleng ga ke gogwegogwe fela Ke kgorokgotshego ya matlhwana a kgarebane : Gape, thulaganyetso ya dimpho tsa bofelelo ba me E nkitsa tshwanelo ya go itlhophela ka go rata : Mme fa rre a ka bo a se ka a ntshwaela ka pelotshetlha, A mpipa ka tlhalefo ya gagwe gore ke ikokobetse Jaaka mosadi wa gagwe, a nkgapa ka lerato jaaka ke buile, Wena tota (Morwakgosi o tumileng thata thata) o ne o lebegaj Jaaka motli ofe le ofe yo nkileng ka mo tlhoma matlho A sena go re o a nthata. Moroko : Mme le seo ke a se go lebogela,
18
Jalo ke a go rapela nkisa kwa mantlwaneng Ke ye go iteka letshego : ka segai se Se se bolaileng Saha wa Perešia, le Mojaboswa wa gone T o o neng a fentse MoSulutana Solimane gararo, Nka tlhoma matlho a a bogale matlho ke sa bonye : Ke gaise ka pelokgale pelo e e bogalegale lefatshing. Ke kgophole dinonnotshane di anywa lebeleng la mmaatso, Ee, ke nywannywabetse tau e kurutlela dibatana Go gapa v»7ena Mohumagadi. Mme, ija wee ! baa pelo, Fa Hetšhulese le Litšhase ba tshameka mataese Go bona yo e leng mofenyi, lewa le legolo L»e fetola ka tshoganyetso le tswa letsogong la mmotlana : Jalo Hetšhulese a fenngwa ka ntlha ya kgalefo ya gagwe Mme le nna fela jalo, ke gogwa ke letshego ie sa tlhopheng Nka latlhegelwa ke seo esemang a ka se gapang Mme ka swa ka ntlha ya pelo botlhoko. P o rošia : O tshwanetse go iteka letshego le wena, Mme wa kgetha go se lekeletse gotlhegotlhe, Kgotsa go ikana pele o tlhopha, gore fa o tlhophile ka phoso Ga o kitla o tlhola o bua le Mohumagadi kwa morago Go amana le lenyalo, mme utlwa kgakololo. M oroko : Ke tla dira jalo, tlaa o nkise kwa boitekelong. P orošia : Sa ntlha yaa kwa Tempeleng, fa go jelwe tsa motshegare Boitekelo ba gago bo bo diphatsa bo tla dirwa. M oroko : A letshego le nne le nna ! Go ntira yo o tshegofaditsweng gongwe a hutsitsweng banneng. Go utlwala diledi.
PONO
Ba a tswa.
2
Go tsena motshegisi a le nosi.
L anselote : Rure maikutlo a me a nkgakolola go thobela Moju ta yo e leng mong wa me : mmaba o inkatameditse, o nthaela
19
ka go re, Gobo, Laiuelote Gobo, mosiami Lanselote, gongwe mosiami Gobo, gongwe mosiami Lanselote Gobo, dirioa maoto a gago, ragoga, sia o siele rure : maikutlo a me a re nnyaa ; ela tlhoko moikanyegi Lanselote, ela tlhoko Lanselote yo o ikanyegang, ela tlhoko moikanyegi Goho, gongwe jaaka go setse go boletswe, moikanyegi Lanselote Gobo, se sie, nyatsa go fata mmu ka dinao tsa gago ; kana, mmaba yo o sebete thata thata a re ke rwale mekgweleo, mmaba a re, mo tseleng, mmaba, a re, tsamaya, gonne jaaka mmaba a bua* magodimo a tshikhintse mogale, mme taboga ; jaana maikutlo a me a eketeng a lepeletse mo thamung ya pelo ya me, a re ka botlhaie bo bogolo : Tsala ya me e e boikanyo Lanselote, e bong morwa monna wa moikanyegi, gongwe mma ke re wa mosadi vo o ikanyegileng, gonne rure rre o ne a sa ikanyege gakalokalo, a bile a dungwadungwa ka dingwe tse di fitlhegileng ; thatong ya gagwe ya dilo o ne a farologana le bontsi ;; mme jaana maikutlo a me a re, Lanselote o se ka wa tsamaya le ebile go rile’ng, mmaba a re, tsamaya, maikutlo a re se tsamaye, maikutlo a re, ke go gakolola ka botswerere, le mmaba a re, ke go gakolola sentle. Go ineela mo maikutlong a me ke tla dula le mong wa me wa Mojuta (yo Modimo o intshwarele) e leng mofuta o sele wa ga tiabolo ; fa nka thobela Mojuta ke tla bo ke le mo taelong ya mmaba yo gotlhe-gotlhe e leng tiabolo ka esi ; rure Mojuta ke tiabolo ka namana, mme mo maikutlong a me, maikutio a me a tshwantshega le kgopolo e e sa lebalesegeng, a ipaya mo pepeneneng go nkgakolola go nna le Mojuta ; mmaba o nkgakolola ka botsala bo bogolo ; ke tla sia tiabolo, ditlhafu tsa me di tla kitimetsa thato ya gago, ke tla sia. Go tsena Motsofe Gobo ka serotwana.
M otsofe Gobo : Mong wa me wa lekolwane, ke a go rapela tsweetswee, nkacla gore tsela e e yang ga Mojuta ke efe, Lanselote : Mogalaammakapane, yo ke ene rre yo o ntsetseng tota ! yo ka ntata ya phifalo e kgolo ya metlho, a tlhokang go nkitse, ke tla ko ke leke go mo tlhakanyetsa tlhogo kwa pele. ?0
Motsofe Gobo : Mong ’a me wa lekawana, gare ke go rapcla gore a o ka mpolelela tsela e e yang kwa ga Morena Mojuta ? Lanselote : E re o fitlha kwa marakanelong a ditsela, o tseye ya ka fa letsogong le le jang, mme e re kwa ditsela di kgaoganang teng gape o ye le ya ka fa go la molema ; kwa marakanelong a ditsela gape, wena o tlhamalale fela go fitlhela tsela ka yosi e go lebisa kwa ntlung ya Mojuta. Motsofe Gobo : Ke ikana baitshephi ba Modimo go tla nna thata go tshegetsa kaelo ya gago ; a o ka mpolelela fa Lanselote yo o neng a nna le Mojuta a sa ntse a nna naye kgotsa nnyaa ? Lanselote : A o bua kaga Lanselote wa mmotlana ? A ko o ntlhome matlho, jaanong ke t!a tsosa masitlapelo ; a o bua kaga lekawana Lanselote ? Motsofe Gobo : Ga se wa madi a bogosi, rra, mme ke morwa monna wa motlhoki, lefa ke rialo ke motho yo o ikanyegileng yo o humanegileng tota tota, mme Modimo o ka lebogefwa go mo tshedisa. Lanselote : Legale, a rraagwe a nne se a se ratang, re bua kaga kgosana Lanselote. M otsofe Gobo : Tsala ya gago, motlotlegi, le Lanselote. Lanselote : Mme he ke a go rapela monna mogolo, ke go rapela ka boikokobetso jaanong, a o bua kaga kgosana Lanselote? Motsofe Gobo : Kaga Lanselote, motho wa batho. Lanselote : Jalo he morena Lanselote o se ka wa ba wa bua kaga Morena Lanselote rra, gonne lekawana ka Tlholego le Bokhutlo, mabaka a mangwe a go nna jalo, bam adi ba bararo, le makala a mangwe a thuto, o sule e le rure, kgotsa go bua phatlaJatsa, o ile legodimong. Motsofe Gobo : O se ka wa rialo le goka, mosimane yoo e ne e le letlhogela la bokau ba me, seikokotlelo sa me sa nnete. Lanselote : A ke lebega jaaka thobane kgotsa leotwana la leobo, seikokotlelo kgotsa mopakwana : a ga o nkitse ne, rra ? Motsofe Gobo : Mogalaammakapane, ga ke go itse gotlhegotlhe lekawana, mme ke go rapela gore o mpolelele fa mosimane
21
wa me (IVIodimo o ikhutsise mowa wa gagwe), a sa ntse a tohela kana a sule. Lanselote : A golo fa ga o nkitse ne, rra ? M otsofe Gobo : Nnyaa, motho wa batho, ke w'etswe ke phifalo ya matlho, ga ke go lemoge. Lanselote : Nnyaa, tota fa o ne o na le matlho a a bonang sentle, gongwe o ka bo o ntse o paletswe ke go ntemoga : ke letlhale la motsadi le le itseng ngwana wa lone. Jaanong he, monna mogolo, ke tla go tseyela dikgang mabapi le morwao, nnya, tshegofatso ya gago, boammaarure bo tla senoga, polao, ga e ka ke ya fitlhega ka boleele, morwa motho ene a ka fitlhega, mme bokhutlo ke gore boammaarure bo tswele kwa ntle. M otsofe Gobo : Ke a go rapela, morena, emela kwa godimo, ke tlhomamisa fa o se Lanselote, morwaake. Lanseiote : Tsweetsee a re se tlhole re tshamekisana ka gone, mme naya tshegofatso ya gago : Ke nna Lanselote mosimane wa gago yo e neng e le morwao, yo e leng morv/ao jaanong, mme yo o tla felang a le ngwana wa gago. M otsofe Gobo : Go thata go dumela fa o le ene ngwanake. Lanselote : Ga ke itse nka akanya eng godimo ga seo : fela ke nna Lanselote motlhanka wa Mojuta, mme ke tlhomamisa fa Mmajeri, mosadi wa gago, e le mme. M otsofe Gobo : Leina la gagwe ke Mmajeri e le rure. Nka mona monwana ka ikana gore fa tota o le Lanselote, o nama le madi a me : Morena a ka tshwanelwa ke ditebogo, a bo o le ditedutedu ; o gomilwe ke seriri mo seledung go gaise bobowra bo bo mo mogatleng wa ga Dobine, pitse ya me ya kariki. Lanselote : Fa e le jalo bobowa ba mogatla wa ga Dobine bo etla bo phofa. Ke tlhomamisa gore o ne a na le bobowa mo mogatleng go feta bo ke neng ke na nabo mo sefatlhogong sa me fa ke mmona la bofelo. M otsofe Gobo : Morena ! a bo o kile wa fetoga ! Wena le mong wa gago le uthvana jang ? Ke mo tliseditse mpho ; le utlwana jang jaanong ?
22
Lanselote : Legale, ka dipolane, nna ka bonna, jaaka ke setse ke ipaakanyeditse go mo thobela, ga nkitla ke bona boitapoloso pele ga re kgaogantswe ke dithota ; mong wa me ke Moj uta wa mmannete, mo abele mpho, mo fe mogala, nna ke feditswe ke tlala ke le tirong ya gagwe. O ka bala dikgopo ke nang natso ka menwana : Ntate, ke a itumela ka o tlile, neela mpho ya gago go Morena Basanio, yo ammaarure a abelang badiri diaparo tsa botlhokwa tse dintĹĄha. Fa ke sa mo direle ke tla tabogaka go ya go fitlha bofelelong ba lefatshe la Modimo. Ao, Letshego le sa tlhakanelweng, ebile ke yoo monna yoo o etla, tsamaela kwa go ene rra, gonne nna ke tla bo ke le nkgatakerelele fa nka ba ka tlhola ke direla Mojuta. Go tsena Basanio le molatedi gongwe babedi.
Basanio : O ka nna wa dira jalo, mme a go itlhaganelwe mo lefa ebile go rile’ng dijo tsa maitsibowa di tla tsholwang ka nako ya botlhano : tlhokomela gore dikwalo tse di neelwe beng ba tsone, dira gore diaparo tsa batlhanka di nne teng mme romela Keraťiano kwano go nna ka ponyo ya leitlho. Motlhanka o a tswa .
Lanselote : Yaa go ene, rra. Motsofe Gobo : Modimo o go tshegofatse, Morena. Basanio : Maitshwarelo, a go sengwe se o neng o batla go mpona kaga sone ? Motsofe Gobo : Morwaake ke yo, mosimanyana wa motlhoki. Lanselote : E seng mosimanyana wa motlhoki rra, mme e leng motlhanka wa Mojuta wa mohumi yo o letileng diithati jaaka rre a tla supa. Motsofe Gobo : O tletse lerato le legolo, Morena, le go ka tweng ke la go batla go direla. Lanselote : Ka bokhutshwane tota nka re ke direla Mojuta, mme ke na le keletso jaaka rre a tla kaya. Motsofe Gobo : Ene le mong wa gagwe ga ba ditsala di ntshanang se menong. Lanselote : Go khutshwafatsa mafoko, nnete ke e, gore ka
73
Mojuta a ntshiamololetse, o ntiiile jaaka rre wa monna mogolo a tla go tlhomamisetsa. M otsofe Gobo : Fano fa ke na le sejana sa maphoi a ke eletsang go a abela morena wa gago, mme kopo ya me ke— Lanselote : Ka bokhutshwane thata, kopo e amana le nna, jaaka motlotlegi a tla ikutlwela go monna mogolo yo o ikanyegang yo, mme le mororo ke bua jalo, mme lefa a bile a tsofetse, a bile a le mohumanegi, ke rre. Basanio : A le mongwe o buelela boobabedi, tota o eletsa go kopa eng ? Lanselote : Go go direla, morena. M otsofe Gobo : Seo ke motheo wa mafoko, Morena. Basanio : Ke go itse sentle o amogetse keletso ya gago, Šaeloko, mong wa gago o buile le nna gompieno, Mme o go golotse, fa e le kgololo rure Go sia tirelo ya Mojuta wa mohumi, go tla go nna Molatedi wa monna wa seithati yo o humanegileng jaana. Lanselote : Seane sa bogologolo se akaretsa loobabedi sentle mong wa me Šaeloko le wena, morena. Wena o na le tshwaro ya Modimo, morena, mme ene o na ie leruo. B asanio : Wa tla wa bua ka botswerere ; rra le morwa tsamaTlogela mong wa gago wa pele, mme o botse Kwa ke dulang teng. Mo neye diaparo tsa badiredi Ka tlamelo e e gaisang tsa ba bangwe : a go dirwe jalo. Lanselote : Rra ke tsenye tirong, ke tsweletse le mororo ke sa itse go ipuelelela, rure : fa nka bona monna mo Italia yotlhe yo o letshego le gaisang la me yo o reng a ka ikana ka Beibile, ntla bo ke le letshego legolo. Tloga fa, mola wa botshelo ke o ! Setlhophana sa basadinyana ke se ; Ijo nna wee, kana lešome le botlhano la basadi ga se sepe, batlholagadi ba ba lešome le motso le makgarebane a a robang mongwe, ga se selo se segolo mo monneng ; mme go falola go nwela gararo, go nna mo diphatseng tsa go latlhegelwa ke botshelo ba me ke
24
robetse mo matobetobeng, ke dikai tsa go falola ka tshobana la mogodu. Jalo he, fa e le gore Letshego ke mosadi, ke ene a tshwanetsweng ke seaparo se : tlaa rra, ke tla sadisa Mojuta sentle ka ponyo ya leitlho. Lanselote le Motsefo Gobo ba a tswa.
Basanio : Ke a go rapela Leonato yo o molemo, akanya selo se, Fa dilo tse di rekilwe mme tsa ajwa ka tshwanelo. Bowa ka potlako gonne maitsiboweng ano ke diretse mokete Tsala ya me e ke e ratang thata ; tloga o tlose dinao. Leonato : Ke tla dira ka bojotlhe ba me botlhe tirong e. Kerasiano o a tsena.
Kerašiano : Mong wa gago o kae ? Leonato : Ke yole o tsamayatsamaya kwa yole. Kerašiano : Motlotlegi Basanio, ke a go dumedisa. Basanio : Dumela, Kerasiano. Kerašiano : Ke na le kopo e ke ratang go e go lebisa. Basanio : Bolela se nka go thusang ka sone. Kerašiano : O thuse o se ka wa gana, ke tlamegile go tsamaya nao go ya Belmonte. Basanio : Jaanong o tshwerwe ke eng ? Mme utlwa Kerašiano, O matlhagatlhaga bobe, o makgakga, mme o bua o atlhama, Dikabelo tse di go tshwanelang go sa belaesege gope, Mme tse matlhong a rona di sa lebegeng e le diphoso ; Ntswa kwa di sa itsegeng, mme gone di lebega rure Jaaka matshwao a go tlhoka kgodiso. Rapelesega o ipope O nolofatse ka monywe wa maitseo a bomaitsayanape Mowa wa gago wa go phaphasela, e se re ka bofafalele ba ’go Ka tshwantshiwa le wena kwa tulong ke yang go yone, Mme ka latlhegelwa ke tsholofelo. Kerašiano : Motlotlegi Basanio, nkutlwa o ntheetse, Fa nka se ka ka iphutha metlhala popegong, Ka bua ka maitseo, mme ka bua ka makgakga sewelo, Ka tshola dikwalo tsa merapelo dikgetsaneng, ka re tu,
25
Go feta foo, ka tshwala matlho fa go rapelwa Ka hutshe ya me jaana, ka fegelwa ka re Amen : Ka dirisa boitshomarelo ba melao yotlhe ya setho Jaaka yo o ithutileng sentle go itshegetsa ka botswerere Go jesa mmaagwe mogolo monate, o tle o se tlhole o inkanya. B asanio : Go siame, re tla tlhokomela maitseo a gago. KeraĹĄiano : Nnyaa, kana ga ke bale maitsibowa ano, ga o nke o nkitse Ka tse re tla di dirang bosigong bono. B asanio : Moo e ka bo e le bomadimabe, Ke tla go rapela bogolo gore o tle o bonale O itumetse segolo setona, gonne re na le ditsala Tse di batlang boitumelo : mme teamaya sentle, Ke sa pitlagantswe ke ditiro. K eraĹĄiano : Mme ke tshwanetse go ya go Lorentso le ba bangwe, Re tla go etela ka nako ya dijo tsa maitsibowa. B a a tsw a .
PONO
3
J esik a o tsen a le M o tsh e g isi
Jesika : Ke utlwa botlhoko fa o sia rre jaana, *Gae la rona ke molete, mme wena, nkgatakerelele, O ne wa phatlalatsa bodutu le masisapelo a lone ; Mme tsamaya ka kagiso, boroba mongwe ba gago ke bo, Fela Lanselote, dijong tsa maitsibowa thusa o bone Lorentso, ebong moetedi wa mong wTa gago yo moĹĄa, Mo neele lekwalo le, o dire jalo ka sephiri, O tsamaye ka kagiso : ga ke batle gore rre A mpone ke tsere kgang le wena. Lanselote : Sala sentle, dikeledi tsa me di buelela leleme, wena motlhoka-tumelo ke wena wa montlelemeno, Mojuta vo o
26
pelonolo. Fa Mokeresete a se ka ke a ikgarola go ba gagabo gore a tle a go nyale, nka itoma sekgokgono, ka gore sala kagisong, marothodi a a bongwana a tebisa mowa wa me wa bonna: sala sentle, mma. Jesika : Sala sentle, Lanselote yo o molemo. L a n se lo ie o a isw a .
Batho wee, ke sebe sefe se se garolang pelo mo go nna Gore ke tlhabelwe ditlhong ke go bo ke tsetswe ke rre ? Kana le fa ebile ke le morwadie wa madi, Ga ke a mo gotsa ka maitseo : Ao, Lorentso, Fa o tshegetsa tsholofetso ke tla khatlisa kgaratlho e, Ke tswe Mokeresete le mosadi wa gago yo o rategang. O a tsw a .
PONO
4
G o tsen a K e r a s ia n o , L o re n tso , S a la r in o le S o la n io .
Lorentso : Nnyaa, re tla ngwangwaela nakong ya selalelo, Re ikgakise batho kwa ntlung ya me, mme re boe Rotlhe pele ga oura e fela. KeraĹĄiano : Ga re ise re ipaakanye ka tlhomamo. Salario : Ga re ise re bo re bue ka batshwara-dipone. Solanio : Ke go tshameka ka mathe gongwe go baakanvetsa boatleng, Mme nna ka re go botoka ra mpa ra lesa tekeletso. Lorentso : Jaanong ke nako ya bone, re saletswe ke oura tse pedi Go ipaakanya ; tsala Lanselote, dikgang ke dife ? L a n selo te o tsen a a tsh otse lek w a lo .
Lanselote : A go go itumedise go bula fa, Lekwalo ekete le tla naya tlhaloso. Lorentso : Seatla ke a se itse, rure ke seatla sa botswerere, Mme se sesweusweu go feta pampiri e se e kwadileng,
27
Ke se sentle seatla se se kwadileng. Kerašiano : Dikgang tsa baratani rure. Lanselote : Ke kopa go tswela kwa ntle, mong ’a ka. Lorentso : Ke kae kwa o go yang ? Lanselote : Ka boitumelo, morena, go ya go laletsa mong wa me wa pele wa Mojuta go tla dijong tsa maitsiboa kwa ga mong wa me yo moša, Mokeresete. Lorentso : Tshv/ara fa, isa kwa, bolelela Jesika yo o bonolo Ga nke ke mo swabise, mmolelele sephiring : Phatlalalang bakaulengwe, ipaakanyetseng Mokete wa dibipo ’sigong jono, Ke itshenketse motbhwara-lebone. G o ts w a M o tsh e g isi.
Salarino : Ke setse ke eme ka dinao, ke tlhamalalela go ipaakanya. Solanio : Mme le nna fela jalo. Lorentse : Kopana le nna le Kerašiano Kwa tlung ya ga Kerašiano morago ga oura. Solarino : Ke tshwanelo gore re dire jalo. G o ts w a S a la r in o le S o la n io .
K erašiano : A lekwalo lele le ne le sa tswe go montle Jesika ? Lorentso : Ke tlamega go go ranolela gotlhe, o ntaetse Ka fa ke tla mo latang tlung ya ga rraagwe ka teng, Digauta le mantswana a botlhokwa a a ikgabisang ka one, Le gore ke seaparo sefe sa morongwa a se beileng : Fa rraagwe wa Mojuta a ne a ka ya legodimong, E tla bo e le ka ntlha ya morwadi wa ’gwe yo montle ; Mme gore bomadimabe bope bo se ka ba ba ba mo wela, Fa e se fela a ne a dira a tlalatladitse lebaka la Gore o ngwana wa Mojuta yo o sa ikanyegeng : Tlaa, ntshala morago, bala o ntse o tsamaya, Montlanyane Jesika o tla nna monthwalela lebone.
28
PONO
5
Š e lo k o le L a n se lo te ba. a tsena
šaeloko : Go siame, o tla bona matlho a gago a tswa moatlhodi Phapaanong gareng ga Šaeloko yo mogologolo le Basanio ; Eng ne, Jesika ? O se ka wa nna pelo tshetlha Jaaka o dirile mo go nna : wa re Jesika wa eng ? Mme o robale, o letse mantshwatshwa, o gagole diaparo. Ka ntlha ya eng, Jesika, ke a botsa ? Lanselote : Ka ntlha ya ’ng Jesika ? Šaeloko : Ke mang a rileng o bitse ? Ga ke a go laetsa go bitsa. Lanselote : Morena o ne a tle a re ga go sepe nka se dirang kwa ntle ga go se rongwa. G o tsen a Jesika.
Jesik a : Ba go biditse ? Jaanong wa re go tweng ? Šaeloko : Ke laleditswe dijong tsa maitsiboa, Jesika, Dilotlele tsa me ke tseo : mme tota ke tsamaela ’ng ? Ga ke a bidiwa ka ntlha ya lerato, ke bewa seatla matlhong, Lefa go ntse jalo ke tla ya ’tlhoong leo, go tsietsa Mokeresete yo o latlhegileng. Jesika, morwadi wa ka, Tlhokomela ntlo ya me, ke ya ke betelela pelo, Go bosula bo nnetsweng khuduthamaga kgatlhanong le nna, Gonne bosigong ke lorile ke bona mekotlana ya madi. Lanselote : Ke a go rapela, morena, a ko o ye, mmotlana mong wa me, o lebeletse kgorogo ya gago. Šaeloko : Le nna ya gagwe. Lanselote : Mme batho ba le iketleeleditse mmogo, mme ga nke ke re o tla bona Mokete wa Dibipo, fela fa o ka o bona, e tla bo e le sesupo gore nko ya me ga e a tswela madi lesidi ka Mantaga wa Paseka e fetileng, nakong ya borataro mosong 'tsatsi le tlhaba. Šaeioko : Ke eng mokete v/a dibipo ? O a nkutlwa Jesika ? Lotlela mejako ya me, mme e re o utlwa moropa
29
Le go tlerema go go thantshang ditsebe ga torompetana, O se ka wa palamela kwa difensetereng godimo, Kgotsa wa tlhagisa tlhogo ya gago go okamela mmila Go leba ka kgatlhego dieleeie tsa Bakeresete baiphotli: Mme thiba ’tsebe tsa ntlo ya me, ke raya difensetere, Se duinelele lerata la tlhapedi ya bonyana go tsena Ntlo ya me ya tidimalo. Ke ikana seikokotlelo sa Jakoba Mowa wa me ga o mo moketeng mo maitseboeng ano ; Legale ke tla ya : tsamaela kwa pele, tate, Feta o re ke ntse ke mo tseleng ke etla. Lanselote : Ke tla tsamaela kwa pele, morena, Mohumagatsana O tlhage ka fensetere go bona gotlhe tlhe ; Go tla fitlha Mokeresete fa Yo a tshwanelang go kgatlha leitlho la morwadia Mojuta. O a tszva. Šaeloko : Sa re’ng setlatla ssle sa losika lwa ga Hakari ? ha ha ! Jesika : Mafoko a gagwe a nnile fela “ sala sentie, kgarebane.,y Šaeloko : Seeleele se, se bonolo, mme se mejo megolo : Se bonya go tlhaloganya, mme se robala motshegare Go gaisa phage : ga ke dule le ditshwakga, Jalo he, ke kgaogana le ene, mme re kgaogana a ya Kwa go yo ke eletsang a ka mo thusa go falatsa Khumo e e adimilweng. Jaanong, Jesika tsena, Motlhamongwe nka itlhaganela ka boa ; Dira jaaka ke go laela, tswala mabati otlhe, Lefuto le le ngapeditsweng, ga le bofologe, Seane se sa lebalesegeng go morata leruo. O a ts iva. Jesika : Tsamava sentle, fa ke sa rorongwa ke sepe ’tshego la me, Ke latlhegetswe ke rre, wena o latlhegetswe ke morwadi. O a tsw a .
30
PONO
6
G o tsena b a b ip i , K e re sia n o le S a la r in o .
Kerašiano : E ke ntlo e tlase ga yone Lorentso O neng a eletsa re ema. Salarino : Oura ya gagwe e setse e fedile. Kerašiano : Ke kgakgamatso gore a diege go e feta Gonne barati gantsi ba nna pele ga nako. Salarino : Ao, kana maebana a Lerato a fofa gasomesome Go ngapetsa mafuto maša a lerato, go feta tlwaelo Ya gore tumalano e e ikanetsweng e se tlhokomologwe. Kerašiano : Nnete e e tlhomameng : ke mang a ka boang modirong Ka keletsadijo e a fitlhileng moketeng ka yone ? E kae pitse e ka reng e ka boelela gape, Ka matlhagatlhaga a ntlha maeto a a lapisang, A e kileng ya a tsamaya ? Dilo tsotlhe re nang natso, Di tsongwa ka mafega a magolo go feta a fa di bonwa. Kana jaaka mmotlana gongwe morwa o latlhegileng Sekepe se kgabisitsweng sa kgorometsega mabofelelong jang !’ Se khurutlantswe sa atlwa ke setsuatsuwe sa phefo : Kana se khutla jaaka morwa wa tatlhego Ka matlhakori a onetseng ie disaile tse di makgasa, Se tlhofofetse, se thubilwe, sa thukhuthwa ke phefo eo ? G o tsena L oren tso.
Salarino : Lorentso ke yoo o etla, ke tla bua gape kgantele. Lorentso : Ditsala tsa Lerato, lebaielang go nteta ka boeleele,. Ga ke molato, mme ke dipitiagano tse di le diileng : E tla re le fetogiie boramotsholakakgetsi basading Ke tla le lebelela jalo le nna : atamelang, Rre wa Mojuta o nna fa. Kokoko ! go na le mang mo tlung ? G o tsen a J e sik a kzva g o d im o a a p ere sesim ane.
J e s ik a : O mang ? Mpolelela ke tle ke tlhomamise, Le mororo ke ikana fa ke go itse ka puo ya gago.
31
Lorentso : Ke Lorentso, mme ene yo o go ratang. Jesik a : Lorentso tota, le monthati wa nnete, Gonne ke rata mang mo go kalo ? Mme ke mang yo o itseng Fa e se wena, Lorentso, gore a ke wa gago ? Lorentso : Legodimo le maikutlo a gago ke basupi gore o wa me. Jesik a : Tshwara, tshwara fensetere e, go tlhokega go rialo, Ke a itumela go bosigo, ga o a ntlhoma matlho, Gonne ke tlhabiswa ditlhong ke phetophetogo ya me : Mme lerato ga le na matiho, le baratani ga ba bone Botlaila bo bogolo bo ba bo dirang ka bosi, Gonne fa ba ne ba ka bo bona, Ralerato o ne a ka swaba Go mpona jaana ke fetogetse 'ratong la mosimane. Lorentso : Fologa, gonne o tshwanetse go ntshwarela lebone. Jesika : Eng, ke tshwarele lebone go bonesa ditlhong tsa me ? Tsone ka tsosi ruie di motlhofotlhofo thata thata. Gare ke tiro ya itshenolo ya lerato, Mme ke tshwanetse go iphitlha. Lorentso : Mme o a ratega, le fa o apere diaparo Lefa o le mo diaparong dintle tsa mosimane, mme akofa, Gonne lefifi la bosigo le apoga ka potlako, Mme re lebeletswe kwa modirong wa ga Basanio. Jesika : Ke tla lotlela dipati, mme ke iketefatse Ka madinyana, ke itse go tla go wena ka bonako. O a tsw a .
KeraĹĄiano : Ke a ikana, o pelo tshwaana, ga se Mojuta. Lorentso : Lefa nka omanngwa ke mo rata ka pelo yotlhe. Gonne o botlhale, fa go dumelesega ke mo atlhola, O montle le gone, fa matlho a.me a sa nkaketse, O boammaarure, jaaka a setse a itshupile : Mme jaaka matshwao a gagwe, ka botlhale, bontle, nnete, O tla nna mo moweng wa me o o sa etsaetsageng ka metlha. G o tsen a Jesika.
K e’ng, a o fitlhile ? Ao, batlotlegi, tsamayang,
32
Ba rona ba ba bipilweng ga ba bolo go re emela. O tsw a le J e sik a le S a la r in o . G o tsen a A n to n io .
Antomo : Go mang foo ? Kerašiano : A ke motlotlegi Antonio ? .Antonio : Ditlhong, tlhabisa ditlhong, Kerašiano, ba bangwe botlhe ba kae ? Nako ke boroba mongwe, ditsala tsotlhe di le letile, Ga go mokete wa dibipo ’sigong bono, phefo e a tsubutla, Basanio ka sebakanyana o tla bo a palama sekepe, Ke ntshitse masome mabedi a barongwa go le senka. )Kerašiano : Ke itumelela seo, ga ke eletse ipelo epe Go gaisa go tsena sekepeng, le go tsamaya ’sigong bono. B a a tsw a .
PONO
7
G o tsena P o ro sia le M o r o k o , le b a la te d i.
IPorošia : Tsamaya, o bule digaratene, o bontshe Morwakgosi yo o rategang yo digalase tsotlhe : Jalo he, a itlhophele. M oroko : Ya ntlha ke ya gauta, e e kwadilweng mafoko a, Y o a n tlh o p h a n g , o tla am ogela keletso y a b a th o ban tsi. Ya bobedi ke ya selofera, e e tshotseng tsholofetso e, Y o a 7itlhophang o tla am ogela k a f a tsh w an elon g y a g a g w e .
Ya boraro ke loto e thokwa, ka tlhagiso e e tlhamaletseng, Y o a n tlh oph an g, a abe a bee leruo la g a g w e d ip h a tsen g .
Ke tla itse jang fa ke tlhopha ka tshwanelo le tlhomamo ? P orošia : Nngwe ya tsone e tshotse setshwantsho sa me, Morwakgosi, Fa o ka tlhopha eo, ke tla bo ke le wa gago rure. M oroko : Ntla modimo oorra mongwe o ka nkaela ka tlhopha, a re bone,
33
Ke tla boelela mafoko a a kwadilweng, gangwe le gape ; Kana ga tweng fensetereng e ya loto e ? Y o a n tlh oph an g a nee a bee leruo la g a g w e diph atsen g.
A neelele eng ? yone loto ? a beele ditsagagwe go reka loto ? Galase e e tshosa ka sekgoropa e ; ba bayang diphatseng Ba dira jalo fa ba solofetse poelo kgolo gantei : Mosiame ga nke a inamela dipontsho tsa bofafalele, Mme le nna ga nke ke naa gongwe ke baa sepe go ananya loto*. Wa selofera wa re’ng wa mmala wa letlalo la bokgarebe ? Y o a n tlh o p h a n g , o tla am ogela k a fa tsh w an elon g y a g a g w e . Ka fa keletsong ya gagwe, ikhutse foo Moroko, Mme o lekanye tlhwatlhwa ya gago ka botswerere, Fa tlhwatlhwa ya gago kakanyong ya gago e le gore O tshwanelwa ke se se kgwedisang pelo, mme seo Se sa atamalane ka botona le ene Mohumagatsana : Ntswa go itshaba gore gongwe ga ke a tshwanela, Le gone ke go itlhofofatsa mo go nverisang marapo. Ga twe ka fa ke ratang ka teng, mme go tewa Mohumagatsana^ Ka tsalo ya me ke mo tshwanetse, le ka khumo le leruo, Le ka bogosi, le matshwao a go tsalwa ke bagolo : Mme go feta tse, ke mo tshwanela ka lerato tota. Go ka re’ng fa ke sa etsaetsege, mme ka mo tlhopha ? A re lebe gape seane se se kwadilweng ka gauta se. Y o a n tlh o p h a n g , o tla ru a se se eled iw a n g ke bath o b a n ts i : Kana go tewa Mohumagatsana, lefatshe le mo eletsa lotlhe :: Ba tla ba tswa dibukung tse nne tsa lefatshe Go atla boitshepho bo, Moitshepi yo o filweng botlio. Dikaka tsa Hirikania le dipowa tse di atlhameng Tsa mongaia Arabia di tshwana fela le mebila jaanong E tsewang ke Barwadikgosi go tla go bona Porošia montle. Bokadikadi ba lewatle le lekhubu la lone Le kgatshang sefatlhogo sa legodimo, ga se mopako Wa go thibela baeng, mme ba a tla kwano Jaaka eketeng ba tshelaganya nokana go bona montle Porošia* Nngwe tharong tse e rwele setshwano sa gagwe sa legodimo.
34
A o ka ne a le mo lotong le ? e ka bo e le tshotlo Go akanya kgopolo e e maswe jalo, e ka bo e le boleo Go khurumetsa mmele wa gagwe lebitleng le le bipang : Kampo o ka ne a ka gopolelwa a fitlhilwe mo selofereng E e kwa tlase gasome ka tlhwatlhwa go gauta ya tota ; Ao, kgopolo e e tletseng teofo, ga go ise go ko go bewe Lentswana la botlhokwa selong se gaiswang ke gauta ! Ennyelane go Ledi le le nang le setshwano sa moengele A gatisitswe mo gauteng, mme ya itse go betlwa : Mme fa, moengele yo o rapaletseng bolaong ba gauta O bonala ka gotlhe. Ntlisetsa selotlele : Ke tla tlhopha gone fa, mme go ye kwa go yang teng. P oroťia : Se tsee ke seo Morwakgosi, mme fa ’tshwano sa me se le teng Mme ke tla bo ke le wa gago. M oroko : Mogalaammakapane ! jaanong se ke eng se, Serepa sa motwi, se kgapeng ya leitlho la sone Go nang le mokwalo o o ragarageditsweng ; ke tla o bala. G o tlh e g o go p h a tsim a n g g a se g a u ta , G a n ts i o u tlw a seo se holelw a ; B a g a le h a n tsi ha rek isitse m atsh elo F e la g o re ha tle ha m pone k a f a n tle ; M a b itla a a kgah isitsw en g a k h u ru m editse dihoko : F a o ne o tlh alefile ja a k a o le p e lo k g a le , O le m onana m m elen g , o g o d ile k a k a n y o n g , K a r a b o y a g a g o e k a h o e se k a y a k w a lw a y T sa m a y a sen tle , seh a tlw a ke p e lo se ts id id i.
Moroko : Se tsidifetse rure, tiro e e se nang mosola, Sala sentle bothitho, amogelesega letlhwa : Dumela foo PoroĹĄia, ke na le pelo e e hutsafetseng thata Go dumedisa ka boleele ; balatlhegelwa ba kgaogana jaana. M o g w a s a w a d ile d i.
35
B a a tsw a .
P oroĹĄia : Kgololo ya mmannete : busa digaretene, o tsamae^ Ntla ba lesika la gagwe botlhe ba ka leka go ntlhopa jalo ! B a a ts w a .
PONO
8
G o tsen a S o la rin o le S o la n io .
Salarino : Batho, ke bonye Basanio mo sekepeng ; KeraĹĄiano o tsamaile le ene ; Sekepeng sa bone ke tlhomamisa Lorentso a se yo. Solam o : Mojuta wa moleofi o tsositse Mojuku ka dilelo, Yo a tsamaileng nae go ya go putla sekepe sa Basanio. Solarino : O fitlhile morago thata, sekepe se setse se ile ; Mme jaana Mojuku a tlhalosediwa Fa go ne go bonwe mmogo seketswaneng Lorentso le Jesika a mo ratang. Gape, Antonio a itsise Mojuku Gore ba ne ba se na le Basanio sekepeng sa gagwe. Solanio : Ga ke ise nke ke utlwe maikutlo a a tlhakatlhakanyeng, A gakgamatsang, a bofafalele, a a fapaanyeng jaaka a, Jaaka a ntsa ya Mojuta e a buileng mo mebileng ; M o r w a d ia k e , m a d i a m e, m o rw a d ia k e bath on g w ee, O siile le M o k e re se te , m a d i a m e a S ek eresete a m ogolo
!
K its a p a tik o , m olao, m a d i a m e, le m o rw a d ia k e ; K g e ts a n a e e bofilw eng, kg etsa n a p e d i tsa m a d i d i bofilw eng, T sa m a d im a d i d i u tsw ilw e ke m o rw a d ia k e mo g o nna, L e m a n tsw a n a a b o tlh o k w a , a m abedi, a bo tlh o k w a a tlh w a tlh to a , A u tsw ilw e k e m o rw a d ia k e : k its a p a tik o , sen ka m osetsan a, M a n ts w a n a a m a b e d i a mo g o ene, le one m adi.
Solanio : Tshimane yotlhe ya Venisi ya mo sala morago, A nnetse go gowa mantswana a gagwe, morwadie, le madL
36
Solanio : A Antonio yo o molemo a tlhokomele letsatsi la gagwe Eseng jalo o tla lefisiwa selo se. Salarino : Ke gakologelwa ka boitumelo ; Ke ganetsana le MoFora maabane ano, A mpolelela gore bosesaneng ba mawatle a kgaoganyang MaFora le Manyesimane, go latlhegile Mokoro wa ’fatshe letsho o tletse o penologa magasigasi: Ka gopola Antonio fa a mpolelela seo, Mme ka pelo ka rapela gore e se ka ya ba ya nna wa gagwe. Solanio : O siamelwa ke go bolelela Antonio magatwegatwe ao* Fela o se bue o phamoga, gongwe a tla a swa ke pelo. Salarino : Ga go monna o bonolo go go feta mo lefatshing, Ke bonye Basanio le Antonio ba kgaogana, Basanio a mo raya a re o tla itlhaganela Go boa : a araba ka go re a se dire jalo, S e a tla fa le tiron g k a n tlh a y a m e, B a sa n io , M m e du la g o fitlh e la g o tsh w a n ela g a lo b a k a , M m e k a g a bo itla m o M o ju te n g j o k e bo itir ile n g , A bone bo se tsene p elo n g y a g a g o y a le ra to : Itu m e le , m m e o dirise d ik a k a n y o tsa g a g o tse dikgolo M a b a p i le tse d i a m an an g le th a ta n o , le 'tsh u po tsa le ra to T se rtire d i tla g o tsh w an elan g d i sa ip a te le tse ;
Mme le koo ya re leitlho la gagw'e le rurusitswe ke selelo, A gadima, a tshwaragantse mabogo ka kwa morago, Mme ka lerato le le gakgamatsang ka tlhaloganyo ya lone A tsikitletsa letsogo la ga Basanio, mme ba kgaogana jalo. Solanio : Ke akanya gore o rata lefatshe ka ntlha ya gagwe fela, Ke a go rapela a re ye go mo senka re bo re mmone Re etleetse go tobekana mmele go go mo teketileng Ka mafoko mangwe a kgomotso. S alario : Mme re tla dira fela jalo.
37
PONO
9
G o tsena N e ris a le M o d ir e d i.
N erisa : Akofa, akofa ke a go rapela, tswala o tlhamalatse garetene, Mojaboswa wa Arakone o dirile maikano a gagwe, Mme o tla tloga a tla go tlhophiweng ga gagwe. G o tsena A r a k o n e , b a la te d i ba gagzve> le P o ro sia . G o u tlzvala m ogw asa w a d iled i.
Porošia : Bona, matlojana ke ale a eme fale, Mojaboswa wa m ad i; Fa o ka tlhopha le ke leng mo teng ga lone, Ka pelepele lenyalo la rona le tla emisiwa kerekeng : Mme fa o ka palelwa, kwa ntle ga go tswa molomo Mong a me, O tla tshwanelwa ke gore o nanoge o tloge fa ka bonako. Arakone : Ke patelesega ka maikano go tshegetsa dilo tse tharo Sa ntlha go bisa go ranolela ope gore Ke letlojana lefe ke le tlhophileng ; sa bobedi, fa ke palelwa Go supa ietlojana la tota, go se tlhole botshelong ja me, Ke buisa kgarebane ka tse di amanang le thatano ya lenyalo : La bofelo, fa ke tlholega letshegong la go tlhopha ga me, Go go tlogela ka pelepele, mme le go inaya dinaga rure. P orošia : Mongwe le mongwe o ikanela go tshegetsa ditaelo tse Yo a tlang go itekela diphatseng ka ntlha ya me wa esemang. Arakone : Mme le nna ke ikaeletse jalo, letshego jaanong A le nne le tsholofelo ya me : gauta, selefera le loto e ntsho. Y o a n tlh oph an g o tsh w an etse a b e y e r u o la g a g w e diph atsen g.
O tla lebega bontle go gaisa pele ke naya ke baya diphatseng. Letlojana la gauta la re’ng, ha, ha ! mma ke bone : Y o a n tlh oph an g o tla am ogela se se eled iw a n g ke ban n a botlhe.
Se bontsi bo se eletsang, gongwe ka bontsi go tewa Diketekete tsa masilo a a tlhophang ka go leka go kgatlha, A sa ithute go feta se leitlho la morati le se rutang, VENISIS— C
28
Le le sa okomeleleng go ya kwa teng, mme jaaka nonyane Ba aga mo dipuleng mo lekotswaneng la ka kwa ntle, Le mo tsubutlong le tseleng ya bomadimabe. Ga nke ke tlhopha se se elediwang ke bontsi ba batho, Gonne ga nketla ke tlolakaka bana ba boesemang, Le go itekanya le matswititswiti a a sa tlhabologang. Mme a ke atamele wena ntlwana khumo ya selefera, Mpolelela gape, gore wena o kwadilwe mafoko afe ; Y o a n tlh oph an g o tla am ogela k a f a d ik eletso n g tsa g a g w e :
Ke mafoko a botswerere ; gonne go tla kgarakgatshega mang Go ya go motlhophiwa Letshego, mme a tlotlega A se na letshwao la bokgabale, a ope a se ikabele Go rweswa tlotlo e e sa mo lebanang : Ao, ntla dipopego, maemo, le kabelano ya ditiro, Go ka be go sa bonwe ka boferefere, mme tlotlo ya nnete E rekwa ka ditiro tsa yoo o e amogedisiwang ; Ke ba bakae, ne ba ba ka apesang ba ba itshopereng ? Ke ba bakae ba ba ka laolwang ba ntse ba laola ? Ke boesemang ba bakae ba ka selwaselwang Mo peong e e phepa ya tlotlo ? Mme ke tlotlo e e kae E ka reng e setswe mmokung le tshenyegong ya dipaka, Ya boa ya ntšhafadiwa : mme tlhe, a ke boele tlhophong. Y o a n tlh oph an g o tla am ogela k a f a tsh w an elon g y a g a g w e .
Ke tla ikgopola ke tshwanetse ; mpha selotlele sa le, Mme itlhaganele thata go senola matshego a me teng. Porošia : Wa tla wa re diegela go itse se o se bipolotseng foo. Arakone : Se ke eng se, setshwantsho sa seeleele Se mpontshang mokwalo, ke tla o bala : Kana o tshwanologile jang le Porošia ! Kana o tshwanologile jang’tsholofelong le ’tshwanelong tsa me ? Y o a n tlh o p h a n g , o tla am ogela j a a k a a tsh w an etse. A nne ke sa tshwanelwa go feta tlhogo ya lesilo, A se ke mpho ya me, a ke ronwa ke se se botoka ? D — VENISI
39
Porošia : Go roba molao le go atlhola ke dilo tse di farologanyeng, Mme tsa mefuta e e fapaanyeng. Arakone : Go na le eng mo ? G a su p a m olelo o k a k o tse m o , G a su p a k a tlh o lo ele e le k ilw e , E e iseng e k e e tlh oph e k a p h o so , B a n g w e ba teng ba ba a k a n g d ir iti, B a o 'itu m elo ba bone d ijo tsa d ito ro ; G o teng m asilo a tsh elan g k e a itse A tsh asitsw en g se le fe ra , j a a k a g o n tse f a : Itlh o p h e le f e l a m o sa d i o m o r a ta n g o m o tsee, K e tla f e l a k e le b o to k a g o g o g a is a : M m e tlo g a o tsa m a e , o itlh a g a n ed isitsw e.
Ke tla nna ke lebega jaaka lesilo legolo Ka ntlha ya nako ya go dikologa ga me fa, Ke tlile phereong ka tlhogo ya setlatla e yosi, Mme ke khutlela morago ka tse pedi. Sala sentle, ke tla tshegetsa maikano a me, Ka pelotelele ke hupetsa kgalefo ya me. A ra k o n e o a tsw a le b a la te d i.
Porošia : Kana jaana kerese e kakotse serurubele : Ao, masilo a baipolai a e yareng go tlhopheng ga one, A nne le botlhale ba go latlhegelwa ka ntlha ya kitso. N erisa : Lefoko la bogologolo ga se boikepo, Polao ka go pegwa le tseo tsoora Letshego. Porošia : Tloga o dige digaretene, Nerisa. G o tsen a M o ro n g w a .
M orongwa : Mohumagadi wa me o kae ? Porošia : Ke nna yo, e ka ba Mong wa me o batla eng ?“ M orongwa : Mma, go fologile fa kgorwaneng ya gago Lekawana la MoVenisi, e leng moetapele Go kaya go atamela ga Morena wa gagwe, A lerile ditumediso tsa kutlwelano botlhoko ;
40
Mmogo le (godimo ga go mo reta ie go bua ka maitseo), Le dimpho tsa tlhwatlhwa kgolo ; mme ke ise ke bone Moemedi wa lerato yo o tshwanelang mo go kalo. Letsatsi la Moranang ga ise le tswe le le monate Go supa ka fa selemo sa magasigasi se neng se atemetse Jaaka titeyamonywe e e tlang e eteletse mong wa yone. PoroĹĄia : Didimala ke a go rapela, ke setse ebile ke boifa O tloga jaanong o re ke wa lesika la gago, O dirisa tlhaloganyo le go itse go bua ga gago o mmoka : Tlaa, tlaa, Nerisa, gonne ke eletsa go bona Bokhutlo ba lerato le le fisang, le tlang ka ikokobetso. N erisa : Morena Basanio, rata fa e le ka thato ya gago.
41
TSHAMEKO
III
G o tsena S o la n io le S a la r in o .
Solanio : Jaanong dikgang ke dife kwa ’Kgotleng ? Salarino : Di aname le mowa gore sekepe sa ga Antonio se se rweleng magasigasi se thubegetse mo bopitlaganong ba lewatle ; ke gakologelwa fa golo foo go bidiwa G o o d w in s , felo fa go diphatsa thata, fa go swetseng bangwe teng, fa dififi tsa dikepe tse dintsi tse ditelele di fitlhegileng teng, ka fa polelong, fa mafoko a Bogatwe a ne a ka ikanyega jaaka mosadi yo o se keng a aka. Solanio : Ke eletsa a ne a ka aka mo selong se, jaaka yo a kileng a sila jinja, gongwe a dumedisa baagelwane ba gagwe fa a ne a lelela leso la monna wa gagwe wa boraro ; mme ke boammaarure kwa ntle ga mantswe a mantsintsi, gongwe go tlabeletsa mo go bueng ka bokgabale, gore Antonio yo o molemo, Antonio moikanyegi ; Ao, nda nka bo ke ne ke na le sereto se se iekanyeng go golaganngwa le leina la gagwe ! Salarino : Tlaa, re buile go fedile. Solanio : Ha, wa re’ng, nnete ke go re, o latlhegetwve ke sekepe. Salarino : Ntla e ka nna tatlhegelo ya gagwe ya bofelo ! Solanio : Mmang ke re Amen go sa le gale, e se re gongwe tiabolo a ema thapelo ya me pele, gonne ke voo o etla a le mo setshwanong sa Mojuta. Jang jaanong Šaeloko, dikgang ke dife gareng ga barekisi ? G o tsena S a e lo k o .
Šaeloko : O ne o sa itse go feta ope, le gone ope a sa itse go go gaisa, kaga go thoba ga morwadiake.
42
Salarino : Seo ke nnete, nna ka nosi ke itsile fa nonyane e ne e godile, mme e le mokgwa wa tsone tsotlhe go sia letamo la metsi. Šaeloko : Mme ka ntlha ya gone moo o hutsegile. Salarino : Go a tlhomamisega, fa tiabolo e ka nna ene moatlhodi wa gagwe. Šaeloko : Nama le madi a me go rukutlha ! Solanio : A e kgologolo e ikaeletse se, a e rukutlhisiwa ke dingwaga tse ? Šaeloko : Ka re morwadiake ke nama le madi a me. Salarino : Go na le pharologanyo e kgolwane gareng ga nama ya gago le ya gagwe, go feta gareng ga hontsho le bos weu, e kgolwane gareng ga madi a gago le a gagwe go feta gareng ga beine le bojalwa ba Jeremane : mme re bolelele gore a o utlwile fa e le nnete kgotsa nnyaa gore Antonio o latlhegetswe ke sengwe kwa lewatleng ? Šaeloko : Gape foo ke na le kgolagano e e sudisang pelo, sephiri se se sa umakweng, mosenya-boswa, yo o se ka keng a tlhagisa tlhogo ya gagwe pepeneneng kwa lekgotleng, mokopi yo o neng a sa lapisiwe ke go ya kwa mmarakeng ka th a ta : mma a tlhatlhobe tumalano ya rona ka kelotlhoko. O ne a itlwaeditse go mpitsa motsietsi, mma a tlhatlhobe lekwalo la boitlamo ba gagwe go nna ; o ne a tle a adime batho madi ka go ikanya bopelontle ba Modumedi, mma a lebe boitlamo ba gagwe. Salarino : Tsamaela koo, ke tlhomamisa gore lefa a ka tlhoka go tshegetsa tumalano ya iona, ga o nke o batla nama ya gagwe, gonne tota mosola wa yone e ka nna eng ? Šaeloko : Go oka ditlhapi ka yone, fa go se na sepe se se ka otlwang ka yone, e tla busetsa mannong pelo ya me e e tletseng boipusolosetso; o ntlhabisitse ditlhong a thibela legare la dikete tse di sekete, a ja setshego ka tatlhego tsa me, a sotlaka ka dipapadi tsa me, a nyatsa morafe wa gaetsho, a ntshenyetsa mo ke neng ke tla bona sesolo, a dira gore ditsala tsa me di
43
ntlhanogele, a ntshakgaletsa dira tsa me, mme lebaka la gagwe le le lefe ? Ke ka gonne ke le Mojuta : a golo fa Mojuta ga a na matlho ? a Mojuta ga a na diatla, dirwe tsa mmele, ditekanyo tsa mmele, maikutlo, thato le kilo, kutlwelano, a ga a godiswa ke dijo tse di jewang le botlhe, a utlwisiwa botlhoko ka dibetsa tse di tlwaelesegileng, a ga a tlhaselwa ke malwetsi a botlhe, a alafiwa ka melemo ya botlhe, a thuthafadiwa a bo a tsidifadiwa ke selemo le mariga fela jaaka Mokeresete : a fa le re tlhaba, ga re tswe madi ? fa le re tsikitla, ga re swe ka ditshego ? a fa le re jesa megau, ga re swe ? a mme fa le re direla molato a ga se tshwanelo gore re ipusolosetse ? mme fa re tshwana le lona mo dilong tsotlhe, re tla tshwana le lona le mo go tse. Fa Mojuta a siamololela MoKeresete, boikokobetso ba gagwe ke eng, ipusolosetso ! Fa Mokeresete a siamololela Mojuta, boitshwaro ba gagwe e tshwanetse go nna jang ka fa melaong ya Bodumedi, a ke ipusolosetso ne ? Bopelontsho bo o bo nthutang ke tla bo diragatsa, mme go tla nna maswe, fela ke tla dira go phadisa thuto. G o tsen a M o tlh a n k a w a g a A n to n io .
M otlhanka : Borra, mong wa me, Antonio, o kwa tlung ya gagwe, mme o eletsa go ka bua le lona boobabedi. Salarino : Re ntse re kgarakgatshega go mo senka. G o tsen a T šh u bala.
Solanio : Yo mongwe wa Morafe ke yo o etla, wa boraro ga a ka ke a tshwantshiwa nabo fa e se tiabolo ka esi a ne a ka iphetola Mojuta. B a n n a ba m a its a y a n a p e ba a tsw a .
Šaeloko : Bua re utlwe Tšhubala, tsa re eng tsa kwa Jenoa ? a o tlile wa tlhotlhomisa wa ba wa bona morwadiake ? Tšhubala : Gantsi ke ne ka utlwela motlhala wa gagwe mme ka retelelwa ke go mmona ka matlho. Šaeloko : Mme bona, bona, bona bona foo, teemane e e ileng e ke e dueletseng makgolo a mabedi kwa Forankaforoto
44
wa Jeremane ; khutso ga e ise e ke e wele Morafe wa gaetsho pele ga jaanong ; ga ke ise nke ke e utlwe go fitlhela jaanong ; makgolo a mabedi godimo ga eo, le go a mangwe mantswana a a tlhokwang thata thata. Ke eletsa ekete morwadiake o ka bo a sule ke mo gatagata ka dinao, mme mantswana a subeletswe ditsebeng tsa gagwe : ke eletsa a ka bo a ne a bipilwe fa tlase ga dinao tsa me, mme madi a le mo letloding la serepa sa gagwe : go se na dikgang dipe kaga one, mme ka go re’ng ? mme ga ke itse gore go dirisitswe madi a a kana ka’ng mo patlong, goe ke ka ntlha ya eng tatlhegelo e latelelana le tatlhegelo, legodu le ile ka madi a mantsi mo go kana, mme go ntse go tlhokega gore go phuthwe a a kalo, mme go sa bonale phatlha, go sa bonale boipusolosetso, le go biletsa madimabe kwa ntle ga se se amang magetla a me, go sa utlwale go hemelwa fa e se go hema ga me, go se dikeledi fa e se fela fa ke tsholola dikeledi. Tšhubala : Ee, banna ba bangwe le bone ba madimabe, le Antonio jaaka ke utlwile kwa Jenoa. Šaeloko : Eng, eng, eng ? madimabe, madimabe ? Tšhubala : O latlhegetswe ke mokoro o motona o tswa Tiripolisi. Šaeloko : Ke leboga Modimo, ke leboga Modimo ! a ke nnete, a ke nnete ? Tšhubala : Ke ne ke tsere kgang le bangwe ba mašapisi ba ba neng ba falola fa sekepe se nwela. Šaeloko : Ke leboga wena Tšhubala yo o molemo, a mafoko a mantle, mafoko a mantle rure : ha, ha ! mono Jenoa ? Tšhubala : Fa re utlwa, morwadio o ne a senya masome a a robang mmedi mo bosigong bo le bongwe fela kwa Jenoa. Šaeloko : O ntšhokgotlha ka lerumo fa o rialo, ga nke ke tlhola ke bona gauta ya me gape, masome a a robang menwana e le mebedi ka nakwana, masome a a robang bobedi! Tšhubala : Go kile ga goroga mmogo le nna kwa Venisi me-
45
futa ya batho ba ba nang le melato le Antonio, ba ikana fa go se na leano lepe le ka mo falotsang go wela tlase rure. Šaeloko : Seo ke a se itumelela, ke tla mo rumola, ke tla mmolaya ditlhotlhapelo, ke a se itumelela. Tšhubala : Mongwe wa bone o ne a mpontsha kgabisa-monwana (reng) e a e anantseng go morwadio ka kgabo fela. Šaeloko : A selo sa go ipona ! O bolela masisapelo. Tšhubala, e ne e le ledi la me, ke le neiiwe ke Lea pele ke nyala : ke ne ke se ka ke ka le ananya ka motlhape wa dikgabo gope. Tšhubala : Mme tota rure, Antonio o tlhanogetswe ke lefatshe. Šaeloko : Le goka, ke boammaarure, ke boammaarure tota, tsamaya Tšhubala, o nthapelele lepodisi, mpuela le lona e sa le gale pele ga beke tse pedi. Ke tla batla pelo ya gagwe fa a ka nthobela, gonne fa a ka bo a ne a se yo mo Venisi nka bo ke rekisa fela ka fa ke ratang ka teng. Tsamaya Tšhubala re rakanele kwa Senagogeng ya rona, tsamaya Tšhubala yo o molemo, ka re kwa Senagogeng ya rona, Tšhubala ! B a a tsw a .
PONO
2
G o tsena B a s a n io , P o ro sia , N e r is a le b a la te d i ba bone.
P o ro šia : Ke a go rapela dula, itheetse letsatsi gongwe mabedi Pele o iteka letshego, gonne fa o kgetha ka phoso Ke tla latlhegelwa ke wena ; jalo iketle sebakanyana. Sengwe se a ntshebetsa (mme ga se pelo ya lerato) Gore nka se latlhegelwe ke wena, mme le wena o a itse, Gore letlhoo ga le fe ’kgakololo tsa mofuta o ; Mme e se re gongwe wa tlhoka go nkutlwa ka tlhamalalo, Le mororo kgarebane e se na go ipuelela, fa e se kakanyo, Ekete ke ne nka go dia fa kgwedi e le nngwe gongwe pedi Pele ga o lekeleletsa go mpatla. Ke ne ke tla go ruta
46
Go tlhopha ka matsetseleko. Mme kana ke ikanisitswe, Gore nka ke ka ba ka dira se, mme o ka nna wa mphosa, Mme fa o ka mphosa, o tla nkeledisa sebe, Ka ke ne ke ikanisitswe : khutso e weie matlho a gago, A setse a ntsere pelo a mphuthaganya gabedi, Bontiha bongwe ba me ba gago, le bo bongwe fela jalo, Mme he, ke wa gago ka g o tlh e ; k a n a m e tlh a e e maLwe e E itse ja n g go fe ralatsa d ip a tik o g are ga b e n g le d itsa b o ! Bona le ebile ke le wa gago, ke wa gago (go a bonala). A Letshego le ye moleting ka ntlha ya se, eseng nna. Ke bua ka boleele, mme ke go lelafaletsa dinako, Go di otlolola, le go di phutholola ka boleele, Go go iletsa go tlhophiwa. Basanio : Mmang ke tlhophe, Gonne jaaka ke le fa, ke dutse mosima wa noga godimo. Porošia : Mosima wa noga godimo, Basanio, mme ipoiele,, Ke Uogelapuso ya’ng e tsokanyeng le lerato la gago ? Basanio : Lefa e le epe, fa e se fela tsogelapuso e maswe ya go sa ikanyane, E mpoifisang go ithamuketsa ipelo leratong la me : Go ne go ka mpa ga nna tsalano le botshelo. Gare ga serame le molelo, gona le tsogelapuso le ’rato )a me. Porošia : Ee, ke boifa gore o bua sa motho a gotla toronkong,. Koo batho ba patikesegileng go bua sengwe le sengwe. Basanio : Ntsholofetsa botshelo, ke tle ke ipolele ka boammaarure. Porošia : Gosiame, ipolele o tle o tshele. Basanio : Go ipolela le go rata E ntse e le tshobokano ya boipolelo ba me : A tlhokofatso e e monate, fa montlhokofatsi A etla a nthuta dikarabo tsa go ya kgololesegong ! Mme ntesang ke ye letshegong la me le digalasing ! Porošia : Tsamaya, he ! Ke lotleletswe mo go nngwe ya tsone„. Fa e ie rure o nthata, o tla mpatla go fitlhela o mpona.
47
Nerisa le lona ba bangwe lotlhe, emelang fa thoko, Mmang pina e ye godimo a ntse a itlhophela, Mme fa a ka fosa o tla fela sa sehudi, Go nyelelela mo pineng. Gore papisetso E tle e tshwaneie rure, ’itlho la me e tla nna molapo Le phate ya leso e è metsi ya gagwe : a ka nna a fenya, Mme kopelo e tla bo e le ya eng ? Kopelo e tla bo e le Fela jaaka lešalaba, fa batlhanka ba obamelela Kgosi-ntšha go rwesiweng serwalo : go tle go nne jalo, Jaaka medungwana e e itumedisang letsatsi fa le tlhaba, E e gogomelelang mo ditsebeng tsa monyadi yo o lorang, Mme e mmiletsa go ya go nyala. Jalo o tsamaya A sa ipelaele sepe, a le lerato legolo go feta Mmotlana Hetšhulisi, sebaka sa a gapa Tefelelo ya kgarebane, e e duetsweng ke Teroye e lelela Lejabatho la lewatle : Ke emetse go ntshiwa setlhabelo, Ba bangwe ba emetseng kgakajana, ke basadi ba Teroye : Ka difatlhego tse di bipihveng ba tia go lponela Bofelelo ba tiro ya bopelokgale : Tsamaya Hetšhulisi, Fa o ka tshela, ke tla tshela ; ka kgakgamatso e tonatona Ke akanva kaga ntwa, go gaisa wena yo o leng molwantwa. G o u tlw a la p in a y a kopelo f a B a sa n io a nnetse go ip o tsa a b a a ik a ra b a m a b a p i le digalase. M p o le le la n g g o re k a k a n y o e g o d ise d itsw e k a e, A k a n a ke m o p e lo n g , k a n a k e m o tlhogong : E tlh olegile ja n g , y a otlizca ja n g ? A r a b a n g , a ra b a n g
!E
th u th u n tsh itsw e m o m a tlh o n g .
Y a k g o risiw a k a g o le b a , m m e K g a tlh e g o y a sw e la f M o borobalelong bo e ra p a letsen g m o g o bone. A ro tlh e re letsetse leso la g a K g a tlh e g o d itsh ip i.
Ke tla simolola B otlhe : Ting, ting, ting. Ting, ting, ting. Basanio : Ekete diaparo tse di bonalang ke lefela fela,
48
Lefatshe le sa ntse le tietse go tsiediwa ke mekgabo. Molaong, ke seipato sefe e ka reng se fapogile se seleka, Yare go baiweng ke leleme la setswerere, Sa khurumetsa boikgantsho ba bosula ? Tumelong, Ke teofo efe e hutsegileng, mme e motlotlegi mongwe A ka e tshegofatsang, a e tshegetsa ka temana ya thero, A fitlha magwata ka mokgabiso wa magasigasi ? Ga go bosula bo phatlalatsa jaana, bo itseelang Letshwao lengwe la tshiamo le go le ipega godimo ; Ke magatlapa a makae, a dipelo di sa ikanyegeng Pela jaaka dipalamo tsa motlhaba, a diledu di tlhogileng D itedu tsa ga HetĹĄhulisi le Modimo wa Ntwa o o tsutsubanyeng, A e reng a tlhatlhojwa, go fitlhelwe e le magatlapa tota, Mme le bone ba ipega godimo fela ponatshego ya bagale, Gore ba nne jaaka basimane ba bomadiatlhageng. Leba bontle, O tla bona gore bo mo go ba ba se nang mebele, Ba mo go bone bo dirang dikgakgamatso go lebilwe, Bo dire ba ba nang nabo motlhofotlhofo go fetelela : Meriri eo e omileng e lepeletseng jaaka dinoga tsa gauta T se di tlholang di ntse di fokelwa kwa le kwa ke phefo Godimo ga bontle bo bonwang ke bangwe, go itsege jaaka Bogadi ba tlhogo ya bobedi, Legata le le di medisitseng mo lebitleng. Jalo, he, mokgabo o tshwana le lebopo le le bitietsweng Botsenong ba lewatle le le k o tsi: kobo ntle ya sekhutlela E khurumeditseng montlanyane wa Intia ; ka bokhutshwane, Ke boammaarure bo e seng ba nnete bo dipaka di bo tlisang Go thathetsa maoto a matlhale. Mme wena, gauta e phatsimang, Sejo se thatafaletseng Midase, ga ke go batle gotlhe-gotlhe, Le wena lelata go mongwe le mongwe le ntseng le re setlhe Le tswa mothong le ya mothung : mme wena, loto ya esemang E e tshosang ka sekgoropa gona le go solofetsa motho sengwe‘
49
Tshetlhafalo ya gago e ntshikhinya go gaisa puo ya seboledi, Mme ke tlhopha gone fa, a mafoko a me a ntlisetse boitumelo. Porošia : Kgakgamatso ka fa maikutlo mangwe a amanang ka teng, Jaaka ’kgopolo di etsaetsegang, le boitlhobogo ba moitlhaganedi : Le poifo e putlang ditokololo, le lefufa le matlho matalana. Lerato, dira tsotlhe ka tekanyo, kokobetsa pelo ya gago, Supa boitumelo ba gago ka selekanyo, o fokotse tlhapedi e, Ke utlwa tshcgofatso ya gago thata thata, e fokotse, Gonne ke tshaba tihapedi rure. B asanio : Ke eng se ke se fitlhclang fano ? Seka-Porošia montlelemeno. Ke modingwana ofe wa seretoO batlileng wa tlhola motho jaana ? A matlho a a bonya ne ?' Kgotsa e re ka go phatsima dithakeng tsa matlho a me A sute jaaka a a bonyang ? Dipounama di sa mongwang ke tse Di butswe ke mowa o o monate wa tsma, mopako o montle O aroganyang diratani : mo meriring e ya gagwe e, Motshasi o tseetse segokgo ditiro, mme a loga Leselo la gauta go thaupetsa dipelo tsa banna ka Bofefo bo gaisang ba dintsi bobing ; mme matlho a gagwe, O ne a tsere matlho kae go a dira ? A feditse la ntlha, Nna ka re le ka bo le ne le nonofile go utswa a gagwe mabedi La itlogela le ise le fediwe, me bona ka fa Thuto ya leboko la me e rumolang moriti o ka teng Ka go o lebela kwa tlase, mme jaanong moriti o O tla fa morago ga poko. Ka moo he, mokwalo ke o, E leng kidikwe ya lefatshe, bokhutlelo ba ’tshego la me. W e n a o sa tlhoph en g k a g o hona L e k e le tsa se n tle , o tlh oph e k a tlh om am o : K a gon n e letshego le le w ela mo g o w e n a , Itu m e le , m m e o lese g o h a tla seša g a p e . F a o itu m eletse se sen tle se> L etsh ego la g a g o le tsh w a n a le h oitu m elo ,
50
G a d im ela k w a M o h u m a g a tsa n a w a g a g o a te n g , O mo g a p e k a g o mo a k a k a boleele.
Mokwalo o o nametsang pelo : Mohumagatsana ka tetlelelo
Ya ’go, Ke tla jaaka ke laetswe go naya le go amogela, Jaaka mongwe wa babedi ba betabetanelang mpho A akanyang a dirile sentle matlhong a batho : A utlwang magofi go opa le go gowa ntlheng tsotlhe, Moweng a idibetse a ntse a lebile a belaela Fa rure mekgosi eo ya tlotla e le ya gagwe kana nnyaa. Mme gararo Kgarebane e meno maswaana keeme felajalo nna, Ke belaela gore a se ke se bonang ke nnete, Go fitlhela go twe go jalo, go gatiswa, mme go dumela wena. Poroťia : Morena Basanio, o bona fa ke emeng teng, Le jaaka ke ntse ; le mororo ka bonna ke le esi Ke ne ke se ka ke ka itlatsa tsholofelo keletsong ya me, Go ikeleletsa ke le botoka go gaisa, mme ka ntlha ya gago, Ke ne ke ka dirwa gamasome a marataro ke le esi Ka ntlafatswa gadiketekete go gaisa, ga makgolo a a some. Ka humisiwa, gore ditsong tsa betsho ke tle ke nne godimo Ke retelwe bomolemo, bontle, botshelo, ditsala, Ke tlhoke mmoledi : mme botho ba me botlhe fela E nne kokoanyo ya lesidi: e go e tlhalosa patlalatsa, E leng ngwanyana a sa gapjang, a sa rutwang, a tlwaetswang, Se itumedisang e le gore, ga a tsofala mo go kalo Ebile o sa ntse a ka ithuta : se itumedisang go feta se, Ga a a tsalwa e le setlatla se se ka keng sa ithuta ; Se itumedisang thata thata, mowa wa gagwe wa boikokobetso O ineeletse wa gago gore o etelelwe pele. Jaaka eketeng Mong, Molaodi, le Kgosi ya gagwe. Nna ka nosi, le ditsame, di fetotswe tsa tlhakanngwa Le tsa gago. Mme kana ke ne ke le Morena wa Ntlo kgolo e ntle e, mong wa batlhanka ba me, Mohumagadi: le jaanong, mme jaanong,
51
Ntlo e, batlhanka ba, le nna yono yo Ke ga gago, Mong ’a me, ke di go naya le reng e, E e tla reng o kgaoganye nayo, wa e latlha, kgotsa wa e aba, O itse fa e tlhola tshenyego ya lerato la gago, Mme e tla ntlhofofaletsa go kgona go go gatagata ka dinao. Basanio : Mosadi wa batho, o nkgakisitse mafoko otlhe, Ke madi a me fela a buang le wena mo ditshikeng, Mme tlhaloganyo ya me yone e eme madi, Jaaka fa morago ga puo telele va botswerere Ya Mojaboswa m orategi; go bile go bonaia Gareng ga bontsintsi bo bo itumetseng ka lerata, Kwa sengwe le sengwe ka go tlhakatlhakanngwa le mo gongwe, Kwa dilo tsotlhe di bapisiwang di tshwantshiwe mmogo, Di fetolwang maragaraga a mebala, fa e se a boitumelo Bo bo ipolelwang, le bo bo fitlhilweng : mme fa reng e E ka somoga monwaneng o, botshelo bo tla bo bo ile, Mme le tle le thatafatse dipelo go latola Basanio a sule. N erisa : Kgosi le Mohumagadi wa me, ke nako ya rona jaanong Ba ba emeng le lona ba bona dikeletso tsa bone di diragala, Go goeletsa ba dudueletsa boitumelo, ditebogo Kgosi le Mma I K erašian o : Basanio, Morena wa me, le Mohumagadi yo montle, Ke le eleletsa boitumelo botlhe bo le ka bo eletsang Gonne ke tlhomamisa fa le sa letela gore ke le leboge ; Mme motlhang Beng ba me ba ipaakanyetsang go tiisa Pheleletso ya thatano ya lona, ke a le rapela Gore le nna ke tle ke nyadiswe ka yone nako eo. Basanio : Ka pelo ya me yotlhe, fa o ka potlaka wa batla mosadi. Kerašiano : Ke leboga wena, Morena, ka o mpatletse mongwe. Matlho a me Mong ’a me a bofefo ba a gago fela : O ne wa bona Mohumagadi, nna ka bona motlhanka : Wa rata, nna ka ratela borongwi, Ke a tshwanelwa ke tebogo Mong ’a me go go gaisa ;
52
Letshego la gago le ne le eme mo digalasing tsele, Mme fela jalo le la me jaaka go supegile : Gonne go kopeng lerato go fitlhela ke tshologa mefufutso, Le go ikana go fitlhela magalapa ka osi a omelela Ka maikano a lerato, kwa bofelong, fa tsholofetso di tlotlwar Ke ne ka solofediwa montlenyane yono yo, Go abelwa lerato la gagwe, motlhang letshego la gago Le gapang Mohumagadi wa gagwe. Porošia : A selo se ke boammaarure se, Nerisa ? N erisa : Mma, go ntse fela jalo, fa seo se go itumedisa. Basanio : A wena Kerašiano o tota o tlhwaafetse ? Kerašiano : Ee, ka tlhwaafalo, Mong ’a me. B asanio : Moletlo wa rona o tla etleediwa ke kemo ya lona. Kerašiano : Ke tla tshameka le bone motshameko o o ka lereng madi a mantsi. N erisa : Eng ? Re se ka ra latlhegelwa ? Kerašiano : Le goka, ga re ka ke ra fenya mo motshamekong oo.
Heelang ! ke mang yole a tlang ? Lorentso le Mohaitane ? Hee ! a ba mmogo le tsala ya me ya MoVenisi, Salerio ? G o tsena Lore?itso, J e sik a , le S a le r io , le M o r o n g w a y o o tsw a n g V en isi.
Basanio : Lorentso le Salerio re a le amogela fano ! Fa bontšha ba maemo a ke letseng ke a neilwe Bo nnaya thata go le amogela ; ka tetlelelo ya gago, Porošia yo o rategang, ditsala le bagaetsho tota Ke a ba amogela ka mabogo oomabedi. Porošia : Le nna ke dira jaio, Mong ’a me, ba a amogelesega* Lorentso : Ke lebogela tlotlo ya lona ; ke bogame Morena wa me Maikaelelo a me e ne e se go le bona fano, Mme erile ke kgatihana mo tseleng le Salerio, A nthapela a ba a nkokomalela Gore ke mo pate tseleng e tlang kwano.
53
Salerio : Ke dirile jalo Mong 'a me, Mme e le ka mabaka, Motlotlegi Antonio O rile a go dumedke. Basanio : Ke ise ke bule lekwalo le A ko o mpolelele gore tsala ya me e tsoga jang. Salerio : Mmeding ga ditlhabi, Morena, ke sa itseng ke moweng, O a tsoga, fa e se mo moweng : ’kwalo leo la gagwe Le tla kaya tsogo ya gagwe. B a sa n io o bu la lek w a lo .
Kerašiano : Nerisa, dumedisa moeng yole, o mo ise ka fa tlung, Ka letsogo, Salerio, dikgang ke dife kwa Venisi ? O dira’ng morekisi yo mogolo, Antonio mosiami ? Ke a itse o tla opela tswelelopele ya rona magofi, Ke rona makanyane magorosa phologolo ya telekiso. Salerio : Ntla le ka bo le bolaile phologolo e e mo latlhegetseng ! Porošia : Go mafoko a a botlhoko lekwalong leo ; A a fedisang marama a ga Basanio go runa, O kana a swetswe ke tsala nngwe, gonne ga go sepe ’fatsheng Se neng se ka mo fetola popego mo gokalo Ya monna yo o digileng mmele. Ga twe’ng, go yela pele ? Ka tetlelelo ya gago Basanio, kana re motho a le mongwe, Mme ke tshwanelwa ke go bona legare la sengwe le sengwe Se lekwalo le le se go tliseditseng. B asanio : Ao, Porošia wa montlelemeno, A se kae ke mafoko a sa itumediseng thata a A kileng a ntshofatsa pampiri. Mohumagatsana o bonolo Erile mogang ke go umaketseng lorato lwa me, Ke go boleletse gabonolo gore ntle le botsalo jwa me Ga ke na leruo lepe : ke tsetswe ke le ngwana wa batho, Mme ke go boleletse nnete : mme legale Mohumagatsana, Lefa ke sa ipale ka sepe, o tla bona gore
54
Ke ne ke le moikgogomosi jang, fa ke go bolelela Gore khumo ya me ke lefela, nka bo ke bile ka go itsise Gore ke ne ke le kwa tlase ga boesemang : gonne rure Ke ikgolagantse le tsala e e rategang e le nna Ka golaganya tsala ya me le mmaba wa yone wa tota Fela gore ke tle ke bone thusego. Mohumagadi ’kwalo sile, Pampiri e tshwana le mmele wa tsala ya me, Mme lefoko lengwe le lengwe go yone le ntho e e atlhameng E tsorotla madi a botlhokwa. Mme a tota ke nnete, Salerio, A maiteko a gagwe otlhe a reteletswe, le e seng lepe tota, Go tswa Tiripoli, go tswa Mekesiko, le Ennyelane, Go tswa Lisibone, Barabari, le Intia, Mme le e seng mokoro o mongwe fela go falola go kgotshwa Go sisimosang ke mafika a a senyetsang barekisi ? Salerio : Le e seng o mongwe fela, Mong wa me. Gape, go bonala, fa a ne a na jaanong Le mpho ya madi a go busetsa Mojuta, O na a se na go a tsaya, ke ise nke ke bone Sebopiwa se leng setshwanong sa motho Se tsweletseng ka bogoma go tlhakanya motho tlhogo. O botsaka Mojuku dipotso ka moso le maitsiboa, Mme o tla ikuela go nna kgololesegong ya mmuso Fa ba ka mo tima tshiamiso. Masome mabedi a barekisi, Mojuku ka esi, le Bagolo ba ba mafatla ba bahumi Ditatalala di itsegeng kgakala, di mo etleeditse tsotlhe, Mme ga yo yo a ka mo tlogedisang boikuelo ba lefufa Jwa tatlhegelo, jwa tshiamiso, le boikanelo jwa gagwe. Je sik a : Erile ke sa na nae, ka mo utlwa a ikanela Tťhubala le Kusi, bagagabo, A re a ka mpa a tlhopha nama ya ga Antonio, Gona le bokete gamasome a mabedi jwa madi A a mo kolotang : mme ke a itse Mong wa me, Fa molao, bogosi, le nonofo di sa tsereganye, Antonio wa batho o tla tshwara bothata rure. E— VENISI
55
P orošia : A ke tsala ya gago e kgolo e e leng mathateng jaana ? Basanio : Tsala e rategang thata go nna, monna yo o bonolo thata thata, Mowa o o lapologileng, o o sa lapisegeng Mo go direleng batho ba bangwe maitseo ; mme yo mo go ene Go bonalang tlotlo ya MaRoma a maloba go gaisa mo go Botlhe ba ba agileng mo lefatsheng la Italia. Porošia : O adimile bokae mo Mojuteng ? B asanio : Go nna, dikete tse tharo tsa madi. Porošia : Wa re eng, e seng go feta foo ? Mo duele dikete tse thataro, o phimole boitlamo : Menaganya dikete tseo gabedi, o di menaganye gararo, Pele ga tsala ya go nna jaaka o tlhalosa E latlhegelwa ke thitshana nngwe ka molato wa Basanio. Sa ntlha eya le nna kerekeng, mme o mpitse mogatso, Mme o nanoge o ye Venisi tsaleng ya gago : Gonne o se ka ke wa lala tlhakoring la ga Porošia Ka pelo e e tshwenyegileng. O tla amogela gauta Go duela molatonyana oo gamasome a mabedi. Ere o setse o duetswe, o tle le tsala ya gago kwano : Lelata la me, Nerisa, mmogo le nna mo lebakeng leno Re tla tshela sa batlhanka le batlholagadi; a re ye, Gonne go tloga gompieno go fitlhela ’tsatsi la nyalo : O tshwanetse go laletsa ditsala, wa šupa boitumelo, Ka o rekilwe boturu thata, ke tla go rata morategi, Mme mma ke utlwe a lekwalo la tsala ya gago. Basanio :
B a sa n io m o ra teg i, d ik ep e tsa m e tsotlh e d i tlile d i se
n a sep e, h a n k a d im a -m a d i ha th a ta fa ts a d ip e lo , leruo la m e la f e l a f e d i , h oitlam o ha m e k w a M o ju te n g ho a n ta tih eg ela , m m e j a a k a g o se na k a f a n ka tsh elan g k a teng f a ke ho duelela, m elato y o tlh e f a g a re g a m e le w en a e tla ho e p h im o ts w e ,f a f e la ke ne ke k a segofala k a g o hona ke ise ke sw e : lefa g o ntse ja lo , d ir a k a f a goboneng g a g a g o ; f a le ra to la g a g o g o nna le sa g o g a p e le le tse g o r e o tle , a le k w a lo la m e le se k a la d ir a seo .
56
Porošia : Ao, lerato ! dira gotlhe o tsamaye jaanong. Basanio : Ka e le fa ke na le tetlelelo ya gago go tsamaya, Ke tia itihaganeia ; mme go fitlheia ke menoga gape, Mmele wa me ga o na o gatelela marobalo ape ka boleele, Ga go phomolo epe e tla tsenang gareng ga me le wena. B a a tsw a .
PONO
3
G o tsena M o ju ta le S a la n io , A n to n io le M og o leg i.
Šaeloko : Mogolegi, mo lebe, se mpolelele sepe ka kutlwdobotlhoko, Ke sone setlaela se se adimanang ka madi fela fela. Mogolegi, mo tsepe ka matlho. Antonio : Gare a ko o ntheetse, Šaeloko, mosiami. Šaeloko : Ke tla amogela boitlamo, se bue kgatlhanong nabo, Ke bile ke ikanne gore ke tla bona boitlamo ba gago : O ne wa mpitsa ntša pele ga o na le lebaka, Mme ka e le fa ke le ntša, ela meno a me tlhoko, Mojuku o tla ntirela tshiamelo, ke a go gakgamalela Mogolegi ke wTena wa sesenyi, gore ke eng o rata jaana Go tsamaya lefatshe le le kana ka kopo ya gagwe. Antonio : Ke a go rapela utlwa se ke se buang. Šaeloko : Ke tla amogela boitlamo ba gago, ga nke ke go reetsa, Ke tla amogela boitlamo ba gago, mme se tlhole o bua. Ga nke ke dirwa lesilo le matlho a pouletseng ke boroko, Go tshikinya tlhogo, go nolofala, go hegelwa, go ineela Go batsereganyi ba Badum edi: se ntatele, Ke dire sepe ka puo, ke batla boitlamo ba gago. G o tsena M o j u ta .
Solanio : Ke nkgatakerelele yo o se nang borapelo Yo o kileng a aga le batho. Antonio : Mo tlogele a ikakanye,
57
Ga ke tlhole ke mo latetse ka merapelo e sa thuseng : O batla botshelo ba me, ke itse lebaka la gagwe sentle ; Gantsi ke rekolotse mo tatlhegelong ya boitlamo Bantsi ba ba neng ba tle ba ntelele, Jalo he, ga mpee sebete, o a nkila. Solanio : Ke a tlhomamisa Mojuku Ga ka ke, le goka, a dumelela boitlamo bo diragatswe. Antonio : Mojuku ga ka ke a itlhokomolosa taelo ya molao : Gonne tshwanelo e baeng ba nang le yone Mono ga rona mo Venisi, fa ba ka e tihokisiwa, Seo se tla silafatsa tsamaiso ya Puso ka tshiamiso, Jaaka re itse gore kgwebo le papadi ya motse Di akareditse merafe yotlhe. Jalo he, t&amaya, Kutlobotlhoko le ditatlhegelo tse di nkimetse mo, Ke tla palelwang ke go aba ponto ya nama ya me Ka moso, go diatla-di-madi yo ke mo kolotang madi. Mme, Mogolegi, tswelela, Modimo o thuse Basanio a tle Go mpona ke mo duelela molato, mme ga ke kgathale. B a a tsw a .
PONO
4
G o tsena P o ro sia , N e r is a y L o re n tso , J e sik a , le B a la th a s a r a , m onna w a g a P orosia.
Lorentso : Mma, le mororo ke bua o le teng O na le kutlwelano e kgolo e e tletseng boammaarure Ya tsalano ya bogodimo e e rotobalang ka ponatshego Ka fa o tsayang ka teng go yela rure ga Mong wa gago. Mme fa o ne o itsile gore yo o mo nayang tlotlo ke mang, Gore morwa motho o mo thusang o ikanyega jang, Gore o rata mong wa me, Monna wa gago gakana ka eng, Ke a itse o ka bo o ipelefatsa go gaisa ka tiro eo Go feta jaaka mokgwa le tlwaelo di ka go patika go dira.
58
Porošia : Ga ke ise ke be ke ikwatlhaele go dira molemo, Le gone ke se ketla ke dira jalo jaanong : gonne balekaneng Ba ba tsayang dikgang mmogo ba itisitse ba iketlile, Ba mewa ya bone e sikereng bokete bo tshwanang ba lerato, Go tshwanetse go nne tekatekanyo ya dikabelo di tshwanang Ya difatlhogo, maitseo, le maikutlo a mowa ; Ebong selo se nkgopotsang gore motlha mongwe Antonio yo Jaaka a le moratiwa yo mogolo wa Mong wa me, O tshwanetse a bo a tshwana le Mong wa me. Fa go le jalo, Kana nka bo ke ntshitse tlhwatlhwa e nnyennyane mo gokae Ka go reka setshwano sa mowa wa me Go tswa boemong ba peloethata ba setlhogo ; Puo e e ikamile thata thata mafoko a go ipoka ga me, Jalo he, ke lesa mafoko ao. Fa jaanong, Lorentso, ke Neelela dilo tse din6we mo diatleng tsa gago, Tshireletso le tsamaiso ya ntlo ya me, Go fitlhela kgorogo ya Mong ’a me ; fa e le ka ga me Ke dirile maikano a sephiri fa pele ga legodimo, Go tshelela thapelong le kgopolong e e boteng, Fano ke kgoreletswa fela ke Nerisa, Go fitlhela kgorogo ya ga mogatse le Mong wa me : Go na le motse wa barapeli dimaele tse pedi bokgakala, Mme gone re tla ikhutsa sebakanyana. Ke eletsa o Ka se ka wa gana kgoreletso e o e pegwang godimo, E lerato la me le patelelo nngwe, Di di bayang fa godimo ga gago. Lorentso : Mma, ka pelo ya me yotlhe, Ke tla go reetsa dilong tsotlhe tsa tshiamo. Porošia : Batho ba me ba setse ba nkitse mogopolo, Mme wena le Jesika ba tla lo amogela Boemong ba ga Morena Basanio le nna. Jalo, tsamayang sentle, go fitlhela re rakane gape. Lorentso : Salang ka dikakanyo dintle le malatsi a ipelo. Jesika : Ke eleletsa Mohumagadi boitumelo botlhe ba pelo. Porošia : Ke go legogela keleletso ya gago, mme ke a itumela
59
Go go eleletsa yone keletso eo gape : tsela tshweu, Jesika ! J esik a le L o ren tso ba a tsw a .
Jaanong Balathasara, Jaaka ke tshedile ke go itse o ikanyega rare, Mma ke nne ke go fitlhele o le jalo : tsaya lone lekwalo le, Mme o dirise nonofo yotlhe ya bonna, Ragogela kwa Padua ka lebelo, elatlhoko go le tsenya le Mo seatleng sa ga ntsalake, Ngaka Belario, Mme a dikwalo le diaparo a di go neelang, O di lere ke a go rapela ka itlhaganelo e kgolo Letsibogong, fa mokorong wa batho botlhe O o gwebang kwa Venisi ; le sa go senya nako ka go bua, Mme tlosa dinao, o bone ke se tle ka go raka. Balathasara : Mma, ke tla tsamaya ka pelepele. O a tsw a . Porošia : A re ye Nerisa, ke na le tiro e ntetileng E o iseng o it9e kaga yone ; re tla bona banna ba rona Pele ga ba re gopola ! N erisa : A ba tla re bona ? Porošia : Ba tla re bona, Nerisa ; mme diaparong tse di Tla ba gopotsang gore re na le gotlhe Re go tlhokang ; nka go beela selo sengwe E tla re roobabedi re apere jaaka makawana, Ke tla lebega ke le yo montle go gaisa, Mme ke lepeletse tšhaka ya me ka pelokgale, Mme ke bue ka lentswe la lekolwane, Ka lentswe le le monate ; ke kokoroge ’kgato pedi Ke gata senna ; ke bue ka kamparano dintweng Jaaka lekawana le ikgogomosang : ke bue metlae Ka bahumagatsana batlotlegi ba eleditseng ’rato la me, Le erileng ke le timana, ba Iwala mme ba a swa. Ka tlhoka se nka se dirang gape : jalo ke tla ikwatlhaya, Ke eletse ka ntlha ya se, gore nka bo ke sa ba bolaya ; Mme ke tla bua maakanyana a a masome mabedi,
60
Gore banna ba bo ba ikane fa ke tlogetse sekwele Nako e fetang ngwaga : tlhaloganyong ya me ke na le Sekete sa malepana a maťa a baipoledi ba metlha, A ke tla a ithuthuntshang. Nerisa : Ka ntlha’ng, a ke re boele banneng ? Poroťia : Tloga fa, a namane e tona ya potso, Fa o ne o eme gaufi le mophutholodi yo o makgakga : Mme tlaa, ke tla go bolelela leano la me lotlhe Ke setse ke le koloaneng ya me, e e re letileng Kwa botsenong ba Sekgwa ; mme itlhaganele, Gonne re tshwanetse ra dira dimaele tse di masome mabedi. B a a tszva.
PONO
5
G o tsena tsh egisi le J esika.
Lanselote : Ee rure, gonne bona ditshiamololo tsa ramotho di tla otlhaelwa mo baneng, mme ke a go ikanela, ke a go tshaba, ke ne ke tle ke bue nao ka phuthologo, mme jaanong ke bua dingongorego tsa me ka ntlha ya selo se : mme nametsega, gonne rure ke akanya gore o setse o bonywe molato, mme go na le tsholofelo e le nngwe fela e ka go bolokang, mme le yone ke tsholofelo e tlhakanyeng le pelaelo. Jesika : Mme ke tsholofelo ya eng, ke a go rapela ? Lanselote : Ija, o ka tloga motlha mongwe wa solofela gore rrago ga se rrago wa tota, gore ga o morwadi wa Mojuta. Jesika : Seo e ka bo e le tsholofelo ya matlhakatlhakane rure, jalo he, ke tshwanetse go otlhaelwa ditshiamololo tsa ga mme. Lanselote : Rure jaanong ke a tshaba o rwesitswe katlholo ke mmago le rrago boobabedi: ke gore fa ke sa umake rrago ke umaka mmago ; mme o di phatseng matlhakoring oomabedi. Jesika : Ke tla faloswa ke monna wa me, o ntirile Mokeresete. Lanselote : Rure ke ene a tshwanetseng go bewa molato, re ne
61
re le Bakeresete ba tlhomamo jalo pele, re bile re le bantsi mo re neng re ka tshedisana ka kagiĹĄo : tshokololo e e isang Bokereseteng e tla tlhatlosa tlhwatlhwa ya ditlhong, fa re ka nna baja-kolobe rotlhe, ka bofefo re tla tlhoka madi a go reka phatsana ya nama ya kolobe go besa mo legaleng. G o tsena L o re n tso .
Jesik a : Ke tla bolelela monna wa me, Lorentso, gore o rile’ng Ke yole o etla. Lorentso : Ke tloga ke go fufegela, Lanselote, fa o tsenya mosadi wa me mo dipitlaganong jaana. Jesik a : Nnyaa, o se ka wa re belaela, Lorentso, Lanselote le nna re itlhabisa phefo, o mpolelela a sa fitlhe gore ga ke sa na le mautlwelo botlhoko legodimong, gonne ke le morwadia Mojuta : ebile a re ga o tokololo e e siameng ya pusadipuso, gonne ka go fetola Bajuta go ba dira Bakeresete, o tlhatlosa tlhwatlhwa ya nama ya kolobe. Lorentso : Seo nka se arabela botoka go pusadipuso, go gaisa o ka dira go tlatsa mpa y a montsho : Mosadinyana mongwe o belege ngwana wa gago, Lanselote. Lanselote : Ke kgakgamatso gore mosadi a fetise kakanyo : mme fa a le tlase go gaisa motho yo o sa ikanyegeng, o selo se se fetang se ke neng ke se mo gopoletse. Lorentso : Kana seeleele sengwe le sengwe se tshameka jang ka lefoko ! Ke gopola gore matlhaletlhale a tla tloga a didimala, mme poko go godiswa fela e seng ya ga ope fa e se ya bopapalagae go bueng : tsena monna, ba ree ba baakanyetse dijo tsa motshegare. Lanselote : Seo se setse se dirilwe, rra, botlhe ba utlwalelwa ke tlala. Lorentso : Mogalaammakapane, o maitsegobua yo mogolo jang, mme ba laele ba teke tafole ya dijo tsa motshegare. Lanselote : Le seo le sone se dirilwe, Morena, go setse go teka fela. Lorentso : A mme o tla simolela go teka, Morena ?
62
Lanselote : Mme go tla nna jalo, ke itse tiro ya me. Lorentso : A dikomano di ntse di tswetse pele ka selo se, a o tla supa boteng botlhe ba tlhaloganyo ya gago ka nakwana ; ke a go rapela o utlwisise mmui yo o se nang boferefere mo go se a se buang a se tlhamaladitse : yaa kwa go bakaulengwe, o ba laele ba teke tafole, ba tshole nama, mme re tla tla dijong tsa motshegare. Lanselote : Fa e le tafole, Morena, go tla tsholelwa go yoner fa e le nama, rra, e tla bewa tafoleng, mme fa e le go tla ga gago dijong tsa motshegare, gone a go laolwe ke borata tlotlo le maikutlo a dipelo tsa lona. O a tsw a .
Lorentso : Ao, kakanyo e eletsegang, a mafoko a lebaganyeng,. Lesilo le tlhomile kakanyong ya lone Bontsintsi ba mafoko a a monate, mme ke a itse rure Masilo a mantsi a a mo maemong a a gaisang a gagwe, A a magasigasi jaaka ene, a ka lefoko la matshamekwane A gaisang puo ya raboboko : kana o itumelela’ng gakalo, Jesika Mme morategi yoo molemo, jaanong ntsha mogopolo wa gago. O rata mosadi wa ga Morena Basanio go le kana ka’ng ? Jesika : Go feta ka fa nka tlhalosang ka teng, ke tshwanelo Gore Morena Basanio a tshele botshelo bo bo phepa Gonne jaaka a na le tshegofatso ka Mosadi wa gagwe O fitlhela boitumelo ba legodimo bo le mono lefatshing, Fa a sa ikaelele go bo tshela mo lefatshing, ke Lebaka la gore a se ka a ba a ya legodimong. Gonne fa medimo mebedie phegisana tshamekongyalegodimo Mme peelelano e le basadi ba lefatshe ba le babedi, Mme mongwe e le Poroťia, go ne go ka tlhokega se sengwe Go pataganngwa le yo mongwe, gonne lefatshe la makgakga Ga le na molekane wa gagwe. Lorentso : Mme le monna yo o ntseng jalo Wena 6 na nae mo go nna, jaaka a bonala a le mosadi. Jesika : Nnyaa, mme mpotsang kgopolo ya me go seo.
63
Lorentso : Ke tla go botsa go ise go ye kae, pele a re ye dijong. Jesik a : Nnyaa, mma ke go rete ke sa ntse ke tshwerwe ke tlala. Lorentso : Nnyaa, ke a go rapela, a go tle go buiwe go jewa, Mme lefa o bile o ka bua ’ng gare ga tse dingwe Ke tla se akanya. Jesik a : Gosiame, ke tla lo etelela pele. B a a tsw a .
64
TSHAM EKO
IV
G o tsena M o ju k u , B o r a m a fa tla , A n to n io , B a sa n io , K e r a s ia n o , le ba ban gw e.
Mojuku : Hee, a Antonio o teng fa ? Antonio : Ke teng, ke fano, Mmabatho ! Mojuku : Ke go utlwela botlhoko, o tlile go fetolana le Mmaba yo o pelo e thata, selo sa setlhogo Se sa itseng go tlhomoga pelo, sepuapue, le lephaka Le tlhokang thotshana ya maitlwelo botlhoko. Antonio : Ke utlwile gore Motlotlegi Mojuku o ineile matsapa go nolofatsa Tsela ya gagwe e e bokete: mme ka a gana ka botlhogo e thata. Ebile go se na tsela epe mo molaong e e ka ntlosang Ya ntlhaetsa lefufa la gagwe, ke lwa kgatlhanong Le pelotelele ya me kgalefong ya gagwe, mme ke ipaakantse Go boga ka mowa o o sa ngongoregeng ka gope, Bone bosetlhogo le kgalefo ya gagwe. Mojuku : A mongwe a nanonge a bitse Mojuta a tle Kgotleng. Salerio : O setse a le kgorwaneng, o etla mong wa me. G o tsena Ĺ a e lo k o .
Mojuku : Sutang, le mme a eme fa pele ga Lekgotla. Saeloko, lefatshe le a akanya, mme le nna jalo Gore o tsamaisetsa mofuta wa bomaswe ba gago Kwa nakong ya bokhutlo ba one ; mme go akanngwa O tla supa boitshwarelo le boikwatlhao di gakgamatsa Go feta bosetlhogo bo eketeng o ka tshwaiwa ka bone ; Le gore fa jaanong o tsosolosang kwatlhano teng, Ebong bokete ba ponto ya nama ya morekisi yo, Ga o nke fela o latlhegelwa ke se le se beelanyeng, Mme e tla re o amilwe ke lerato le bopelonolo ba setho,
65
O mo itshwarele bontlha ba madi a a adimilweng go wena, Mogang o kobonyang ditatlhegelo tsa gagwe ka leitlho Tse bošweng jaana di ileng tsa mo gatelela mokokotlo, Mme tse di lekanyeng go pitlaganyetsa morekisi wa mohumi,. Tsa gotetsa kutlwelo botlhoko go bapa le maemo a gagwe Mo dihubeng tsa banna ba kgorang, le ’pelung tsa bopelodi— thata Tsa diganka tsa Matereke le Matarata a a iseng a ko a thapisweGo direla ope maitseo a bonolo a setho ; Rotlhe re letetse karabo ya kutlwelano botlhoko, Mojuta. Šaeloko : Ke itsisitse Motlotlegi tsotlhe ke di batlang, Mme ke ikanne ka Sabatha ya rona ya Boitshepo Go amogela sebeelanwa se tshwanetseng sa boitlamo go nna... Fa o nkganela ka sone, a diphatsa tsa seo di senoge Godimo ga Melao ya lona, le kgololesego ya Motse ono. Fa o kgatlhegela go itse gore ke eng ke itlhophela go newa Selekanyo sa nama e e tsetsang, gona le go amogela Dikete tse tharo tsa madi, seo ga nke ke se arabela : Fa nne nka re ke boeleele ba me ; a ke go fetotse sentle ? Go ka tweng fa e re ntlo ya me e tlhasetswe ke peba Mme ke itumelela go ntsha dikete di le some tsa madi Gore e lelekwe ? Bua, a foo ke go arabile ka tshwanelo ? Go teng batho ba ilang go nna le kolobe e e gotlang : Bangwe ba fetoga ditsenwa fa ba kopanva matlho le katse r Le ba bangwe fa ba utlwa ierompeta e poporotla, Ba retelelwa ke go itshwara ka ntlha ya monate. Ditswerere mo go tshwareng maikutlo di a ntsha go lebanyeA dinako di a batlang gongwe di a ilang ; mme go go araba :: Jaaka go se na lebaka lepe le ka bewang gore Ke eng a sa dumalane go nna le kolobe e e gotlang, Ke eng a tshaba katse e e thusang e sa direng kotsi epe, Ke eng terompeta e bofilweng ka boboa : mme o patikega Go ineela tlhabLa ditlhonnye a se ka keng a e falola, Ya go re a rumole ba bangwe ntswa le ene a rumotswe : Jalo le nna nka ke ka ntsha lebaka, nka ke, le go rile’ng,.
66
Codimo ga letlhoo la totlhanyo, le kilo ya mofuta mongwe E ke ilang Antonio ka yone, mo ebileng ke setsesetse morago ? Tsheko e e ntatlhegelang kgatlhanong le ene. A ke go arabile ? B asanio : Se ga se karabo se, monna o pelo e thata ke wena, Go bipa ka mafoko bosetlhogo bo o bo ikaeletseng ba gago. Šaeloko Ga ke patelesege go go jesa monate ka karabo ya me. B asanio A batho botlhe ba bolaya dilo tse ba sa di rateng ? Šaeloko : A mongwe a ka tlhoa se a se ka keng a se bolaya ? B asanio Phosetso nngwe le nngwe ga e simologe e le letlhoo. Šaeloko A o ka leta noga gore e go lome lwa bobedi ? Antonio Ke a go rapela gona le go itekatekanya le Mojuta ka dipotso O ka mpa wa ya go ema kwa lebopong la lewatle, Mme wa kgalemela makhubu go fokotsa go kokomogela godimo, O ka mpa wa arabana la botsana le phiri dipotso, Gore ke ka ’baka la’ng a leledisitse nku kwanyana : O ka mpa wa itsa ditlhare dipaene di melang di thabeng Go tsokotsa mafetlho godimodimo, le go dira modumo Fa di tsubukediswa ke diphefo tsa ditsuatsue tsa legodimo : O ka mpa wa dira sengwe se sele se se thata thata go dirwa, Gona le go batla go nolofatsa se, se thata gona le tsotlhe : Ebong pelo ya gagwe ya Bojuta. Jaanong ke a le rapela Lesang go mo sokasoka ka sepe, se direng sepe go feta foo, Mme ka bokhutshwane le ka fa go tshwanetseng ka teng A ke bolelelwe katlholo, Mojuta a bone thato ya gagwe. B asanio : Boemong ba dikete tsa madi tse tharo, tse thataro ke tse. Šaeloko : Lefa ledi lengwe le lengwe mo go a a dikete thataro Le ne le thubagantswe garataro, mme karolo e !e ledi legolo, Ke ne ke tla di gana, ke batla sa tumalano ya rona. Mojuku : O tla solofela boitshwarelo jang, o sa itse go itshwarela ? Šaeloko : Ke tla tshogela katlholo ya’ng, ke sa leofela ope ? Gareng ga lona go malata a a lekilweng a mantsi,
67
A jaaka ditonki tsa lona, le ’ntťa tseno le meboulwe, Le a dirisang mo ditirong tse di kwa tlase tsa batlhanka, Gonne le a rekile. A nka le raya ka re, Ba gololeng, le ba nyadiseng bajaboswa ba lona ? Ba tshologela’ng mefufutso tlase ga mekgweleo ? A malao a bone A dirwe matobetobe jaaka a lona : go letlwe magano a bone A ikutlwise menate ya dijo tse di rileng ? Le ka nkaraba la re Malata ke a rona. Mme le nna ke le arapa jalo. Ponto ya nama e ke e batlang mo go ene E rekilwe ka bokete ba madi, ke ya me, mme ke a e batla. Fa o nkganela ka yone ; sa lona e tla bo e se Molao, Ga go na patiko epe mo melaong ya Venisi ; Ke letile katlholo, araba, a ke tla e bolelelwa ? Mojuku : Ka thata e ke e abetsweng, nka phatlalatsa Lekgotla le, Fa Belario Ngaka kgolo ya Morutegi mogolo Yo ke mo rometseng go tla go sekaseka tsheko e, A ka se ka a tla fano gompieno. Salerio : Mong wa me, ka fa ntle go eme-eme Morongwa ka dikwalo di tswang go Ngaka, Ke gone a gorogang go tswa Padua Mojuku : Re leretseng dikwalo, le bitseng le morongwa ! Basanio : Nametsega, Antonio yo o molemo. Ke eng, tiisa pelo ! Mojuta o tla tsaya nama, madi le marapo a me otlhe, Pele o latlhegelwa ka ntlha ya me ke lerothodi la madi. Antonio : Ke nna pholo ya nku letsomaneng e tlhaoletsweng go tlhajwa, E e tshwanetseng leso ; maungo a mofuta o o fokolang thata A itlhaganela a wele fatshe, mme ntesang le nna ; Ga o ka ke wa dira sepe se se botoka go feta, Basanio, Go feta go nna tapologong, le go ntelela ’tlapeng la phupu. G o tsena N e r is a , a a p e re ja a k a M o k w a le d i w a M m u e le d i
68
1 Mojuku : A o tswa kwa Padua kwa go Belario ? Nerisa : Go maineng mabedi ao, Mong ’a me. Belario o< dumedisitse Motlotiegi. Basanio : O looletsang thipa ya gago ka tihwaafalo mo go kalo ? Šaeloko : Go sega serwe sa tumalano mo khutsaneng ele. Kerašiano : E seng lenaung la gago : mme moweng wa gago Mojuta wa legala 0 thuthafatsa thipa ya gago : mme ga go tshipi e ka kgonang Nnyaa, le eseng selepe sa Mmolai se ka galefang ga bogale Ba lefufa la gago le tukang. A merapelo e ka go amang ga e yo ? Šaeloko : Nnyaa, eseng e e dirwang tlhaloganyanong ya gago. Kerašiano : Hutsega, o šwe, ntša ya lekonkopu ke wena ! Mme a katlholo e sekamele go fediseng botshelo ba gago : O batlile o ntsenya dipelaelo mo tumelong ke nang nayo, Gore ke dumalane le Phaethakorase mo go reng, Mewa ya diphologolo e itsenya ka yosi Mo mebeleng ya batho. Mowa o hutsitsweng wa gago, O ne o laola phiri yo a pegetsweng go bolaya batho, Mme le teng pegelong mowa wa gagwe o o boitshegang wa sia; Mme yare o rapame popelong ya mogotsadi, tiabolo, Wa itshukunyeletsa teng ga gago : gonne dikeletso tsa gago Di na le bophiri, bomadimadi le bopelotshetlha ba bogagapa. Šaeloko : Pele ga o manolola setempe mo tumalanong ya me O utlwisa makgwafo a gago botlhoko go tlatlarietsa gakalo : Baakanya tlhaloganyo ya gago, mokolwane, e se re gongwe ya wela Tshenyegong e sa khutleng. Fano ke eme ka Molao. Mojuku : Lekwalo la ga Belario le, le rometse ka thorisa Ngaka morutegi yo monana kwa Lekgotleng leno la rona : 0 kae ene ? Nerisa : O kailakaila gone gaufi-ufi fa Go tla a utlwa phetho ya gago, gore a ke mme a tsene. Mojuku : Ka pelo ya me yotlhe. Ba bararo gongwe bane go lona
69
Eyang le mo gorose mono ka maitseo tulong etsho ; A sa letilwe, Lekgotla le tla utlwa ’kwalo la ga Belario. M o tlo tle g i o tla tlh a lo g a n y a g o re ke rile g o am ogeleng lek w a lo la g a g o k a bo k e le d ip h a ten g tsa b o lw e tsi bo bogolo : m m e y a bo erile m oron gw a w a g a g o a tsen a , k a bo ke etetsw e k a tekolo y a le r a to , ke N g a k a n a e e du lan g k w a R o m a , e e bidiw an g B a la th a sa ra : k a mo anegela p u o e e g o gogagogan w an g ka y o n e y f a g a re g a M o ju ta le A n to n io w a M o r e k is i : re ne ra fe le a k a n y a d ik w a lo tsa m elao tse d in ts i m m ogo ; o bile o itse m ogopolo w a m e, o e tla reng o tla ts e le d iw a k e thu tego y a g a g w e , e ke sa itseng le g o e bolela bogolo ba y o n e y a o dirise k a kopo y a m e, g o tla g o d ira g a tsa th a ta y a g a g o , M o tlo tle g i , mo boem ong ba m e.
K e a go
ra p e la , a bonnye ba g a g w e bo se k a ba nna sekgopi se se k a mo itsa n g g o n tsh a m a ik u tlo le d ik a k a n y o tse d i tlotlegan g ; gonne g a ke ise nke ke bone g o p e m m ejan a o m onnye g a k a n a m m e o na le tlhogo y a m otsofe e e k a lo .
K e m m a y a kam ogelong y a g a g o ,
M o tlo tle g i , y o o m olem o , m m e a s e a tla se d ira n g e tle e nne sone se p h a tla la tsa n g tlh a lefo le b o itsa ya n a p e ba g a g w e. G o tsena P o ro sia le B a la th a sa ra .
Mojuku : Le ukutlwela se Belario wa Morutegi a se kwalang. Mme (ke a dumela) Ngaka Morutegi ke yo o tlang yo, A re dumedisane ka diatla ; a o tswa kwa go rre Belario ? Porošia : Ke tswa go ene, Mong wa me. Mojuku : Re a go amogela : dula setilo ke seo ; A o tlhaloseditswe kaga kganetsano E e ieng modi wa tsheko e e sa tswang go tsena Lekgotleng ? Porošia : Ke ranoletswe sentlentle kaga yone. Morekisi ke ofe fa, mme Mojuta ene ke ofe ? Mojuku : Antonio le mogolwane Šaeloko emang ka dinao loobabedi. Porošia : A leina la gago ke Šaeloko ? Šaeloko : Šaeloko ke leina la ka. Porošia : Tsheko e o e lateletseng ke ya mofuta o o gakgamatsang,
70
Lefa go ntse jalo e le ka fa molaong, gore Molao wa Venisi Ga o ka ke wa go thibelela go e tsweledisa pele. Monna yo o go pitlaganyeditse mapharaganyaneng, a ga se jalo ? Antonio : Ee, le ene o bolela jalo. Porošia : A o dumela gore o dirile boitlamo mo go ene ? Antonio : Ke a dumela. Porošia : Jalo Mojuta o tshwanetse go go utlwela botlhoko. Šaeloko : E le ka patelelo ya ga mang ? Mpolelela seo. Porošia : Mothale wa kutlwelo botlhoko ga o mabolelong a thata, E tshogane e dirwe jaaka go sarasara ga monywe wa godimo Mo tulong kwano tlase. E tshegofaditswe gabedi, E tshegofatsa monei, e tshegofatse motsei, E kgolo bogolobogolo go feta dikgolo, e tshwanela Kgosi mo teroneng go feta Serwalo sa yone. Lore lwa gagwe lwa bogosi ke sesupo sa thata e e felang, Sekao sa tshisimogo le poitshego ya bogolo, Se mo go sone go leng tshabo le ikefo mo Dikgosing : Mme kutlwelo botlhoko e kgolo go feta go busa ka lore mo, E kokomaditswe teroneng mo dipelung tsa Dikgosi, Ke sekao setshwantshiwa le Modimo ka e s i; Mme nonofo ya lefatshe jalo e itshwantshanye le ya Modimo Fa kutlwelo botlhoko e tsokana le boitshwarelo. Jalo Mojuta, Lefa maingaparelo a gago e le tshiamiso, a ko o akanye se, Gore mo go lateleng tshiamiso ga go ope wa rona, A tla bonang polokesego : re rapelela maitshwarelo, Mme yone thapelo eo e re ruta rotlhe go supa Ditiro tsa kutlwelo botlhoko. Ke buile ka boleele gakana Go fokotsa tshwanelo e o emeng ka yone ya tshiamiso : E fa o ka ngakalalela go e latela, Lekgotla le la Venisi Le tla tlamegang go digela tsheko godimo ga Morekisi yo. Šaeloko : A ditiro tsa me di botswe tlhogong ya me, ke kopa Molao, VENISI— F
71
Go nkatlholela kwatlhao mo tshenyong ya tumalano ya rona. P orošia : A ke go re ga kgone go go duela ka madi ? B asan io : Ee, ke a, ke a mo duelela fa pele ga Lekgotla, Ee rure, a menaganye gabedi, fa ao a sa lekana, Ke itlama go a duela a menaganye gasome ka maikano, Ke emisetsa ka mabogo a me, tlhogo ya me le pelo ya me : Fa gotlhe go sa amogelesege, go tshwanetse go senoge Gore bopeloyatlhoi bo panyeletsa boammaarure. Ke go rapela O ke gangwe fela botshelong o sokamise Molao go thusa mmuso. Go dira molemo o mogolo, dira bosula bo bonnye, Mme kgalemelela tiabolo yo o setlhogo go direng thato ya gagwe. Porošia : Go se ka ga ba ga nna jalo, ga go na kgosi epe mo* Venisi E fetolang molao o o dumalanyweng wa bewa : Seo se tla kwalwa e le tlwaelo, Mme diphapaang tse dintsi ka ntlha ya motlhala oo Di tla ntsifala mo lefatshing : ga go ka ke ga nna jalo. Šaeloko : Taneele o tlile go atlhola, ee, Taneele. Ao, Moatlhodi mmotlana yo o botlhale, kana nka go leboga ka’ng ? Porošia : Ke a go rapela a ko o mme ke tlhatlhobe tumalano. Šaeloko : Ke e Ngaka e e tlotlegang thata, ke yone e. P orošia : Saeloko, madi a gago gararo ke ao a go beilwe pele. Šaeloko : Maikano, maikano, ke dirile maikano fa pele ga> legodimo : A ke ke hutse mowa wa me ka go tlhanogela maikano ? Le goka, lefa ebile ke ne ke tla abelwa Venisi yotlhe. P orošia : Go a bonala tumalano e ga e a tshegediwa, Mme ka fa molaong Mojuta a ka ipalela ka go rata Ponto ya nama, gore a e sege a e siphole Gaufi-ufi le pelo ya M orekisi; nna le kutlwelo botlhoko, Tsaya madi a gago gararo, mme o mme ke gagole tumalano e,
72
Šaeloko : Fa e le fela e duetswe ka tchwanelo ! Go bonala fa o le Moatlhodi yo o tletseng boammaarure : O itse Molao, phuthololo le tihaloso ya gago ya one E supile kitso kgolo ya gago. Ke go etleetsa ka Molao. Ao, wena o leng petleke ya malemela gotlhe le letshego, Tswelela o dige katlholo : ke ikana ka mowa wa me, Ga go na nonofo epe mo lelemeng la motho E ka ntirang gore ke fetoge : ke tla swela tumalano ya rona fa. Antonio : Ke rapela Lekgotla ka pelo ya me yotlhe Gore le ntshe katlholo. Porošia : Fa o rialo he mme ke e : O tshwanetse go baakanyetsa sehuba sa gago thipa ya gagwe. Šaeloko : Ao, Morategi wa Moatlhodi, Ao, lekawana la phetakapejane ! Porošia : Gonne maikaelelo le tebaganyo ya Molao Ke tsone di tlhomileng kwatlhao ya molato o, E e bonalang e tshwanetse go diragatswa tumalanong. Šaeloko : Ke boammaarure tota : Moatlhodi wa Molao wa letlhale A bo o le mogolo gantsintsi go feta jaaka o lebega ! Porošia : Mme he, apola sehuba sa gago. Šaeloko : Ee, tota sehuba sa gagwe, Tumalano ya rialo, a ga se jalo Moatlhodi yo Mogolo ? Gaufinyane le pelo ya 'gwe, ke one mafoko mafoko ao. Porošia : Go ntse jalo : a mme go teng sekale fano go Lekanya nama ? Šaeloko : Ke setse ke na le sone ke se. Porošia : Batla ngaka, Saeloko, e e tla duelwang ke wena Go bofa dintho tsa gagwe, di se ophe di mmolae. Šaeloko : A go boletswe jalo mo tumalanong ? Porošia : Ga go a tlhalosiwa jalo, mme wa re’ng kaga seo ? Go ka siama o dirile jalo go thusa mongwe-ka-wena. Šaeloko : Ga ke bone seo gope, ga se mo tumalanong. Porošia : Wena Morekisi, a o batla go bua sengwe ?
73
A ntonio : Se le sennye fela : ke thatafetse ke ipaakantse sentle, Nnaya seatla sa gago Basanio, o sale sentle, Se hutsafalele gonne ke wetse tsietsing e kaga gago : Gonne teng fano Ramatshego o iponatsha bopelonomi Go feta jaaka go tlwaetswe. E ntse ke thato ya gagwe Go phedisa moikgodisi dingwaga morago khumo ya gagwe e fela, A bone ka matlho a magodiopong, le sefatlhogo se sosobanyeng Dipaka tsa khumanego. Mo kwatlhaong e teleletelele eo Ya matlhomolapelo ao, Ramatshego o mpolokile : Ntumedisetsa mosadi wa gago yo o tlotlegileng, Mo tlotlele ka fa Antonio a ileng lesung ka teng : Bolela jaaka ke go ratile ; o nthorise lefa ke sule : Mme e re o feditse go tlotla, o re a nne moatlhodi Gore a rure Antonio ga ise a ko a rate ope bobe ne ? Se ikwatlhaele go latlhegelwa ke tsala ya gago, Le ene ga ikwatlhaele gobo a go duelela molato. Gonne fa Mojuta a ka tshogane a sega a nweditse thipa, Ke tla o duela ka ponyo ya leitlho, le ka pelo ya me yotlhe. B asanio : Antonio, ke nyetse mosadi, Yo go nna a rategang fela thata jaaka botshela ka bosi, Mme botshelo ka bosi, mosadi wa me, le lefatshe lotlhe, Mo go nna gotlhe mo ga go gaise botshelo ba gago. Ke ne ke ka mpa ka latlhegelwa ke gotlhe, ka go ntsha dimpho Go tiabolo yono yo, gore ke go rekolole. PoroĹĄia : Mogatso o ne a tla go lebogela puo eo go le gonnye Fa a ne a le gaufi go utlwa o ntsha dineo tseo. KeraĹĄiano : Ke na le mosadi yo ke ikanyang fa ke mo rata, Ke eletsa a ne a le legodimong, gore a tle a kgone A tle a rapele mogodimo mongwe o fetole khutsana e yaM ojuta. N erisa : Go siame ka o mo aba o mo seba, Gongwe keletso eo e ne e tla tsosa lerata mo ga gago. Ĺ aeloko : Ba ke banna ba Sekeresete : ke na le morwadi, Yo ke eletsang mongwe fela wa lesika la ga Barabase A ne a nnile monna wa gagwe, boemong ba Mokeresete.
74
Re senyegelwa ke nako, ke a go rapela tswelela ka katlholo. Porošia : Bokete-ponto ba nama ya Morekisi yole ke ba gago, Lekgotla le a bo go atlholela, le Molao o a bo go abela. Šaeloko : Pula tshweu, Moatlhodi yo o tlhamaletseng thata thata. Porošia : Mme o tshwanetse wa sega nama e fa sehubeng sa gagwe, Molao o a dumelela, le Lekgotla le go abela seo. Šaeloko : Moatlhodi o rutegileng go fetelela, katlholelo, ipaakanye ! Porošia : Diga dibete go se kae, go na le se sengwe gape : Tumalano e ga e go letlelele lefa e le thothi ya madi, Mafoko a totile bokete-ponto ba nama a itlhalosa : Mme tsaya sa tumalano ya lona, tsaya ponto ya nama ; Mme mo go e segeng, fa o ka rothisa Lerothodinyana le lengwe fela la madi a Bokeresete, Masimo le leruo la gago ka Melao ya Venisi go tla gapiwa Ke Mmuso wa Venisi. Kerašiano : Ao, Moatlhodi yo o tlhamaletseng, reetsa Mojuta, Moatlhodi yo o rutegileng ! Šaeloko : A molao wa rialo ? Porošia : O ka iponela Kgoeletso : Gonne jaaka o ikopela tshiamiso, o foo ke fano O tla bona tshiamiso go gaisa ka fa o eletsang ka teng. Kerašiano : Ao, Moatlhodi wa Morutegi, reetsa Mojuta, Moatlhodi, M o ru teg i! Šaeloko : Ke amogela tuelo e, lefang tumalano gararo, Mme le lese Mokeresete a tsamae. Basanio : Madi ke a. Porošia : Iketleng, Mojuta o tla bona tshiamiso, iketleng, se akofeng, Ga a nke a bona sepe kwa ntle ga kwatlhao. Kerašiano : Oho, Mojuta, Moatlhodi wa Mololami, mme yo rutilweng,.
75
Porošia : Jaanong ipaakanyetse go sega nama, O se rothise madi, gongwe wa sega kwa tlase gongwe go fetisa Mme sega fela ponto ya nama : fa o ka sega go fetisa Gongwe go tlhaela ponto fela, le ebile e le ka bokana ka eng Bo e dirang motlhofo gongwe bokete mo selekanyong, Gongwe maputlaganyane a bomasome mabedi A selabe se e seng sa sepe, nnyaa, fa sekale se ka ya tlase E le ka bokete bo bo kanang ka ba moriri, O tla swa, mme ditsagago tsotlhe di gapiwe. Kerašiano : Taneele wa Bobedi, Taneele Mojuta rure, Jaanong he, Mohaitane, ke go bapotse ka lesapo la noka. Porošia : Mojuta o didimaletse eng, tsaya tuelo ya gago. Šaeloko : Mpusetsang madi ke a mo adimileng ke tsamae. B asanio : Ke a a go baakanyeditse, ke one a. Porošia : O a ganne Lekgotla le mo rotoletse matlho, O tla bona tshiamiso fela le madi a boitlamo. K erašiano : Ke boela ke re Taneele, Taneele wa Bobedi, Ke go lebogela go nthuta lefoko leo, Mojuta. Šaeloko : A ga ke busediwe bogolofela madi a me a kadimano ? P orošia : Ga o nke o fiwa sepe fa e se sa tumalano, Mme e tsewa ka tsela e e diphatsa go wena, Mojuta. Šaeloko : Ga se sepe, a tiabolo a sale a mo itumedisitse : Ga nke ke letela go tlhola ke itshwenya ka dipotso. Porošia : Baa pelo, Mojuta, Molao o sa ntse o go bofile thamung, Go kwadilwe no Melaong ya Venisi gore, Fa go ka tswa bosupi malebana le Moditšhaba, Gore ka diteko tsa tlhamalalo gongwe tsa bolotsana O lekile go senya botshelo ba Mong-gae, Motho yoo a neng a mo logela manonyana jalo, O tla gapa bogare ba leruo la gagwe, bo bongwe Bo tle letloding la sephiri la Mmuso, Mme botshelo ba motsuolodi bo nne mautlwelo botlhokung A Mojuku fela, lefa ba bangwe ba ka itimokanya ba re’ng. Mme ka re o eme mapharaganyaneng a a ntseng jalo :
76
Gonne go lemosega ka tlhotlhomiso ya phatlalatsa, Gore ka bokunutu mme gape le ka go sa iphitlheng, O logile mano go leka go senya bone botshelo tota Ba mosekisiwa : mme o ipileditse ka wesi Diphatsa tse ke setseng ke di boletse. Khubama he ka mangwele, o kope Mojuku boitshwarelo. Kerašiano : Kopa gore o letlelelwe o ipege ka bowena, Mme legale jaaka khumo ya gago e gapile ke Mmuso, Ga o a salelwa ke sepe se se ka rekang mogala, Jalo o tshwanetse go pegwa ka ditshenyegelo tsa Mmuso. Mojuku : Gore o tle o bone pharologanya ya mewa ya rona, Ke go itshwarela botshelo ba gago pele ga o nkopa. Gonne bogare ba leruo la gago ke ba ga Antonio, Bogare bo bongwe bo tla tla Mmusong wa ga rona, Bo fa o ikoba bo ka tsewang e le tuediso. Porošia : Ee, ya Mmuso e seng ya ga Antonio. Šaeloko : Nnyaa, tsaya botshelo ba me le gotlhe, se bo intshwarele. Ke mokanang o tsereng ntlo ya me, fa o nthoroma letshego Le le tshegeditseng ntlo ya me : o tsaya botshelo ba me Ka go tsaya seo e leng se ke tshelang ka sone. Porošia : O ka mo direla mautlwelo botlhoko afe, Antonio ? Kerašiano : Ka go mo fa mogala wa go ipega lefela, e seng sepe gape. Antonio : Tsweetswee, Morena Mojuku le Lekgotla le phuthegile Go mo fokoletsa tefo ya bogare ba leruo la gagwe, Ke a kgwedisega : e leng a tle a mme ke bone Bogare bo bongwe ke bo dirise, mme ke tle ke bo busetse Motlhang a swang, go monna wa maitsayanape Yo bošweng jaana a ngwegisitseng morwadi wa gagwe. Le dilo pedi tse a di dumele gape, gore ntlheng ya thuso e, A tle a itlhaganele a sokologe a nne Mokeresete : Sa bobedi, gore a kwale lekwalo la kabo ya boswa
77
Gone fano Lekgotleng gore se a tla swang a se ruile Se abelwe morwawe, Lorentso, le morwadie. Mojuku : O tlamega go dira jalo, e seng jalo ka dirolola Boitshwarelo bo ke sa tswang go bo phatlalatsa fano. Porošia : A o a kgwedisega, Mojuta, jaana wena wa re’ng ? Šaeloko : Ke a kgwedisega. P orošia : Dira lekwalo la kabelo ya boswa. Šaeloko : Ke a go rapela, nthebola ke tloge fano, Ga ke ikutlwe monate, o ntatedise lekwalo la kabo, Mme ke tla le kgwaritsa leina la me. Mojuku : Tsamava, mme o dire seo. Kerašiano : Kolobetsong o tla nna le baemedi ba le babedi, Fa ke ne ke le Moatlhodi, ke ne ke tla oketsa ka ba le some, Go go isa kwa pegong, e seng kwa sedibeng sa kolobetso. G o tsw a Š a e lo k o . Mojuku : Morena, ke go laletsa go ya go ja le nna motshegare. P orošia : Ka boikokobetso ke eletsa Motlotlegi a ka intshwarela, Ke tshwanetse ka bolola bosigong bono go leba kwa Padua, Mme go botoka ke phutha ke tle ke bolola go sale gale. Mojuku : Ke maswabi gobo nako e go pitlaganyetse : Antonio, bua o leboge morena yo, Gonne ka fa kakanyong ya me o go ntshitse mo leganong la tau. M o ju k u o ts w a le b a la te d i.
B asanio : Bakaulengwe ba ba rategang thata, nna le tsala ya me Gompieno re golotswe ka ntata ya botlhale ba lona bo bogolo Mo dikwatlhaong tse di sisimosang mmele, mme ka re falotse, Dikete tse tharo tsa madi tse di neng di tla duelwa Mojuta Re sidila matsapa le ditlhabi re le di diretseng tsotlhe. Antonio : Mme re tlhoka mafoko a go le leboga godimo ga tsotlhe Ka lerato mme re solofela gore re tla thusana dipaka tsotlhe. P orošia : Pelo tshwaana e boela mannong go yo o kgwedisegileng,
78
Mme le nna mo go le gololeng, ke kgwedisegile rure, Mme mo go seo ke ipale ka nosi gore ke boetswe sentle, Ga ke ise nke ke ineele thata mo go kgobokanyeng madi Ke a le rapela le nkitseng fa re tla rakanang teng gape, Ke le eleletsa matlhogonolo, mme ke le sadisa sentle. Basanio : Rra, morategi, ke patelesega go go leka gape, A ko o a maogele segopodiso sa rona sa tshupa tebogo, Eseng jaaka tefo : ntetlelela dilo tse pedi, ke a rapela O se ntshwabise gotlhegotlhe, le gone o intshwarele. Porošia : O mpatika go le gotona, mme ke tla innela, Mpha ditshomela-diatla tsa gago, ke tla di rwalela wena, Mme ntateng ya lerato la gago, ke tla tsaya reng e go wena, Se gonyetse seatla sa gago, ga nke ke tsaya sepe gape, Mme wena yo o ratang ga o nke o nkganela ka selo se. Basanio : Reng e, Morena yo o rategang, ga se ya madi a sepe^ Ga ke nke ke itshegisa batho ka go e go naya. Porošia : Ga ke nke ke tsaya sepe boemong ba yone fa e se yone fela, Mme ebile ke akanya gore ke e rata go feteletse. Basanio : Go gontsi mo go ka dirwang ka yone go gaisa tlhwatlhwa, Ke tla go abela reng ya madi mantsintsi gantsi Venisi. Mme ke boe ke e bone ka go tlatsatlatsa kgoeletso, Mme fela ka ntlha ya se ke go rapela go intshwarela. Porošia : Ke a bona morena o pelo namagadi bobe, Sa ntlha o nthutile go kopa, mme jaanong ke akanya O nthuta gore mokopi o tshwanetse go arajwa jang. Basanio : Morena yo o tlotlegang, reng e ke e filwe ke mogatsake, Mme erile a e nthwesa, a ntira ke ikane, Gore ga ke nke ke e rekisa, ke e aba, ke e latlha. Porošia : Banna ba bantsi ba timana dimpho ka seipato seo,. Mme fa mosadi wa gago e se setsenwa sa mosadi, A ka itse ka fa reng e e ntebaganyeng ka teng,
79
O ne a tla se ke a go šakgalalele rure Gobane o e mphile : mme, a kagiso e nne le wena. G o tsw a P o ro šia le N e ris a .
Antonio : Mong wa me, Basanio, mo tlogele a tseye reng, Mma ditshwanelo tsa gagwe mmogo le lerato la me Go tlodomatswe go gaisa ditaelo tsa mosadi wa gago. B asanio : Tsamaya Kerašiano, siana o mo sianele, Mo neye reng, fa o ka kgona o mmusetse, Kwa tlung ya ga Antonio, tsamaya, itlhaganele. K e ra šia n o o a tsw a .
Tlang, nna le wena re tla tloga re ya teng kwa, Mme mo mosong maphakela rona roobabedi Re tla itlhaganelela kwa Belemonte, tlaa, Antonio. B a a tsw a .
PONO
2
G o tsena P o ro šia le N e ris a .
Porošia : Botsa ntlo va Mojuta, mo neye lekwalo leo, Mme mma a le kgwaritse, re bothologe ’sigong bono, Re tle re htlhe gae pele ga banna ba rona : Lekwalo le la boswa le tla nyenyesa Lorentso. G o tsena K e ra sia n o .
Kerašiano : Rra wee, ke bile ke go latetse tseleng : Mong wa me Basanio ka dikgakololo tse dingwe O go romeletse reng eno e, mme o go rapela Le je mmogo dijo tsa motshegare. P orošia : Ga go ka ke ga nna jalo ; Reng ya gagwe yone ke e amogela ka ditebogo tse dikgolo, Mme jaana ke go rapela gore o mo itsise : sa bobedi, Ke go rapela go kaela lekau la me ntlung ya ga Saeloko. Kerašiano : Seo ke tla se dira. N erisa : Morena ke eletsa go bua nao : 80
Ke tla bona fa nka boelwa ke reng ya monna wa me E ke mo ikaniseditseng go e boloka ka go sa khutleng. PoroĹĄia : O ka nna wa leka, re tla utlwa maikano a pele, A gore ba abetse banna bangwe direng ; Mme re tla ikhupetsa ditshego, re ikane go ba gaisa gape : Tsamaya, itlhaganele, o itse kwa ke tla itapolosang teng. N erisa : Tlaa, morena yo o rategang, nketelela o nkise tlung ele. B a a ts w a .
81
TSHAM EKO PONO
V
1
G o tsena L o ren tso le Jesik a
Lorentso : Ngwedi e bonesitse sentle. Mo bosigong bo bos> jaana, Fa phefo e fokang ka kagiso e ne ya tshikhinya ditlhare, Mme le tsone tsa bisa go dira modumo, ’sigong bo bo jalo Ke gopola Troilase o ne a mamarela dithako tsa Teroye, Mme a nyenya, pelo ya gagwe e le ditenteng tsa Magerika Kwa ’sigong boo go neng go letse Keresiti gone. Jesik a : Mo bosigong boo Thisebe a sa tshabe o ne a itaya monywe ka tlhwaafalo, Mme a bona seriti sa tau pele ga gagwe tau ka esi, Mme a sia a phaphathega a boifa lepaapaa rure. Lorentso : Mo bosigong boo Dido o ne a eme a tshwere modibonoka mo seatleng Mo lebopong la lewatle le le bogale, a goeletsa moratiwa ’agwe Gore a ikgate motlhala, a tle gape a boele Khatheije. Jesik a : Mo bosigong boo Medea o ne a phuthaphutha mesukujane ya kalafi E e neng ya tlhabosa madi a motsofe Aesone. Lorentso : Mo bosigong boo Jesika o ne a utswela Mojuta wa mohumi, Mme mmogo le moratiwa wa motlhoki ba tswa Venisi ba sia* Ba ba ba fitlha Belemonte. Jesik a : Mo bosigong boo Lorentso a ikana fa a mo rata thata thata, A mo gapa maikutlo ka maikano mantsi a tsholofetso* Mme lepe le se boammaarureng.
82
Ix>rentso : Mo bosigong boo Montlenyane Je?ika (seka mosadinyana o omanang bobe) A pateletsaKa moratwi wa ’gwe, mme seo a se mo lebalela. Je sik a : Bo ne bo tla sa bo re tshekge fa go ne go sa tla ope : Tlhwaa tsebe, ke utlwa mokitimetso wa dikgato tsa motho. G o tsena M o r o n g w a .
Lorentso : Ke mang o tlang a sianve tidimalong ya bosigo ? Morongwa : Ke tsala. Lorentso : Tsala, tsala mang ? leina, tsala ke a go rapela e mang ? Morongwa : Tna la me ke Setefano, mme ke tlisa kitsiso Gore mohumagadi wa me e tla re pele bo osa A bo a le fano Belemonte, o diilwe ke kgarakgatshego Di fapaanong tsa baitshephi a khubama a rapelela Metlha ya boitumelo mo botshelong ba a nyetswe. Lorentso : O tla a patilwe ke mang ? Morongwa : E seng ope fa e se modulaesi moitshepi le peleg e d i: Ke a go rapela mpolelela fa mong wa me a boile ? Lorentso : Ga a boa, gape ga ise a re kwalele gope, Mme a re tsene mo tlung, Jesika, ke a go rapela, Mme ka tshisimogo a le baakanyetse Kamogelo e tshwanetseng mohumagadi wa ntlo eno. G o tsena T shegisi.
Lanselote : Sola, sola : wo ha ho sola sola ! Lorentso : Go bitsa mang ? Lanselote : A o bonye Morena Lorentso ? Morena Lorentso sola, sola ! Lorentso : Monna, lesa go nna o goeletsa, fa. Lanselote : Sola, kae, kae ? Lorentso : Fano ! Lanselote : Mmolelele gore go na le dikwalo tse di tswang go mong wa me, mong wa me o tla goroga fa ka makuku a
83
magolo, mme go lela ga lenaka la gagwe go tla itsise dikgang tse di monate. O a tsw a .
L o ren tso : Morategi a re tsene, re letele kgorogo ya bone. Legale ga go re sepe : tota re tsenela eng ? Tsala ya me Setefano, itsise ke a go rapela Ba ba mo tlung, gore mohumagadi wa gago o gaufi, Mme utlwatsa mmino wa gago mo moweng ! O a tsw a .
Kgalalelo ya ngwedi e bonesitse sentle jang ’bopong le, Fano fa re tla dula, re letlelele medumo ya mmino F. gogomelele ’tsebeng tsetsho ; tidimalo kgolo, le bosigo Di tshwanelana le monate wa kopelo e e eletsegang : Dula fatshe, Jesika, o bone jaaka bodilo ba legodimo Bo kgomatheditswe ka dijana tsa gauta e e benyang, Ga go kgolokwane epe o e bonang E tsamaong ya yone e sa opeleng jaaka moengele, E sa ntse e opelela baengele ba bannyenyane : Kutlwano e e ntseng jalo e bonwa meweng e e sa sweng Mme fa mmele wa nama o o ka swang wa ba wa bola O sa ntse o bipile mmino phetelela, ga re ka ke ra o utlwa : Tlaa tlhe, o tsose Diana borokong ka sefela, Ka melodi e e monate phunyeletsa tsebeng ya khumagadi ya ’go, Mme o mo okele kwa gae ka mmino. J e s ik a : Ga nke ke itumediswa gope ke go utlwa mmino o o monate. T sh a m ek o y a M m in o
L o ren tso : Lebaka ke gobane badimo ba gago ba reeditse : Gonne gopola motlhape o o tlhaga o o ineetseng tshameko Gongwe lebelo la ditonkana di akotseng tse di tlhaga, Di tlolaka di ragaka di poroma di lela mme di kua, Seo e leng sekao sa madi a tsone a a belang a tabogang,
84
Ereng motlhang mongwe di utlwang modumo wa torompeta,. Gongw’e phefo e rweleng mmino monate e utlwala ditsebeng,. O tla di bona tsotlhe di tsepalala di ema tsotlhe, Matlho a tsone a tshabegang a retolotswe go leba sentle, Ke matla a mmino o o monate : a a dirileng Mmoki gore A re Orofiase o okile ditlhare, majwe le merwalela, Ka go se sepe se se kelotlhoko, se thata, se tletseng bogale, Se ka palang go fetolwa popego ka sebakanyana ke kopelo. Motho yo o sa fiwang mpho ya kopelo ke Mmopi, Gongwe yo o sa tshikhinngweng ke tumalano ya medumo menate, 0 tshwanetswe ke tsuololo, toga mano, le kgapo ntweng, Kutlwelano ya maikutlo a gagwe e fokola jaaka lotlatlana, Mme lerato la gagwe le tsididi jaaka bontsho ba Erebuse, A motho yo o ntseng jalo a se ikanngwe : reetsang mmino ! G o tsen a P o ro šia le N e ris a .
Porošia : Lesedi re le bonang le tuka tlung ya me e kgolo : Mme jaaka kerese ele e latlhela nyedimo ya yone kgakala, Tiro e e molemo e iponatsha jalo mo lefatsheng la bosilo. Nerisa : Erile ngwedi e sa ntse e bonesitse re ne re sa bone kerese. Porošia : Kgalalelo kgolo e dira gore e nnyennyane e nne letobo jalo, Motshwarelela-kgosi o galalediwa thata mo maemong a Kgosi Go fitlhela Kgosi tota e tlhotšhwa, mme bogolo ba gagwe Bo iminolose bo inyeletse, jaaka molatswana wa dipowa O iminolosetse bophadiphading ba metsi : mmino, reetsang ! M m in o .
Nerisa : Ke kopelelo ya gago Mohumagadi wa ntlo. Porošia : Ga go sepe se siameng ke se bonang ke sa se tlotle,. Ke akanya gore e utlwala monatenate go gaisa motshegare. Nerisa : Tidimalo e e naya boitsheko boo, Mmabatho. Porošia : Legakabe le tle le opele monate jaaka sebotha Fa nngwe le nngwe ya tsone e sa leedi wa ke ope : ke gopola
85
<jore fa lekollwana le ne le ka opela motshegare Nakwana dipidipidi tsotlhe di ngaa, le ne le tla bonwa Le le seopedi se se botoka go feta nonyane ya seopedi. Ke dilo tse kae dipaka tsotlhe, di baakanyeditsweng Tlotlo ya tsone e tshwanetseng, le tshiamo ya mmannete : Kagho, ngwedi e phirimile jaanong erile phirimi, Mme ga go ope o ka e tsosang gape. M m in o o a em isw a .
Lorentso : Ke la gagwe lentswe leo, E seng jalo ke tla bo ke sa itse Porošia. Porošia : O nkitse jaaka sefofu se lemoga motlatlawe Ka lentswe la one le le magwata. Lorentso : Mohumagadi yo o rategang, re go amogela mo gae. Porošia : Re ntse re rapelela polokego ya banna ba rona, Mo re bileng re gopola ba itlhaganedisitswe ke dithapelo : A ba setse ba boile ? Lorentso : Mohumagadi, ga ba ise ba bonale : Mme go setse go gorogile morongwa pele Go kava kgorogo ya bone. P orošia : Tsena, Nerisa, Laela batlhanka ba me, gore ba tlhokomologe Gotlhegotlhe gore re ntse re se yo fano, Le wena Lorentso, mme le wena Jesika. M o d u m o w a d ile tsw a .
L orentso : Monna wa gago o gaufi, ke utlwa terompeta ya gagwe, Ga re batho ba ba leleme, Mohumagadi, se re boife. P orošia : Bosigo bono ke bo tshwantf ha le motlha go le maru, Go setlhafetse go le gonnye, go motshegare, Jaaka motshegare o ntse, fa letsatsi le bipilwe ke maru. G o tsen a B a sa n io , A n to m o , K e ra sia n o le b a la te d i ba bone.
B asanio : Re tla bo he rona re tsamaya mo lefifing Fa e le foo lona le tsamaya mo motshegareng.
86
Porošia : Mma ke bonesetse lona, mme ke se itlhofofatse, Gonne mosadi yo o mafega, o tsenya monna botlhogo e thata, A Basanio a se ka a ba a nna jalo ka ntlha ya me, Modimo o tlamele gotlhe : amogelesega gaeng la ’go Morena ! Basanio : Ke a go leboga, Mma, dumedisa tsala ya me ; Ke ene monna yole, ke ene Antonio yo, Yo nna le ene re ntshanang se mo ’inong. Porošia : Ke tshwanelo gore o golagane le ene ka gotJhe thata Gonne jaaka ke utlwa o ne a ikgolegisitse ka ntlha ya ’go. Antonio : E seng go feta jaaka ke tlwaetse go dira. Porošia : Rra, re go amogela ka ’atla tse pedi tlung ya rona : Moō go tshwanetse go sutšwa ka go sele e seng ka molomo, Jalo, he, ke khutshwafatsa kamogelo e ya molomo e. Kerašiano : Ka ngwedi ele ke ikana fa o ntshiamololela, Ka tumelo ke e abetse Mokwaledi wa Moatlhodi, Fa a ne a bonywe molato e ka bo e ne e le ka ntlha ya me, Le mororo, Moratiwa, tiro ya me o e tsentse pelung gakalo. Porošia : A go setse go omanwa ? go rile’ng jaanong ? Kerašiano : Go omanelwa mokoa wa gauta, reng e seng ya sepe rure. E a neng a e mpha, e mokwalo go yone o neng O tshwana ka gotlhe-gotlhe le direto tsa mothula dithipa Mo thipeng ; ebong N th a ta m m e o se k a zva ha w a n tlh a la . Nerisa : A o bua kaga mokwalo kgotsa ka tlhwatlhwa ? O inkanetse mogang ke neng ke e go naya, Gore o tla e rwala go fitlhela motlha wa leso, Le gone e tla fitlhwa nao mo lebitleng la gago, Lefa e ne e se ka ntlha ya me, mme ka maikano a gago magolo, O ka bo o supile maitseo mme wa e tshegetsa ka matlametlo. A e naya Mokwaledi wa Moatlhodi ? Nnyaa, ke tla atlholelwa ke Modimo Mokwaledi yo o neilweng ga a ketla a tlhoga ditedu mo seledung. Kerašiano : O tla di tswa, fa a ka tshela go fitlhela a tswa monna. VENISI— G
87
N erisa : Ee, fa go ka diragala gore mosadi a fetoge monn^. Kerašiano : Jaanong, ka seatla se ke e neile mosimane, Mofuta wa mosimane, mosimane yo monnye yo o phepa, O sa golang go go feta, Mokwaledi wa Moatihodi, Sebalabadi sa mosimane se se e kopileng e le tuelo, Ke ne ka ikutl^a ke retelelwa go e mo tima. Porošia : Molato e ne e le wa gago, mma ke go itsise seo, Go kgaogana motlhofo gakalo le rnpho ya ntlha ya ga mogatso, Selo se se sometsweng mo monwaneng wa gago ka maikano, Mme sa kgomarediwa ka tsholofelo nameng ya gago. Nna ke file Moratiwa wa me reng, mme ka mo ikanisa Go se ke a ba a kgaogana nayo, mme ke yo o eme fa yo : Nka ikana maemong a gagwe, o ne a se ka ke a e sia morago, Lefa e le go e somola monwaneng wa gagwe, ka ntlha ya khumo E lefatshe le e rweleng. Jaanong rure, Kerašiano, O leretse mogatso lebaka la setlhogo la go mo utlwisa botlhoko. Mme fa go ne go ntiragaletse mo, goka bo go ntsentshitse tota, Basanio : Wa re’ng : ke ne ke tla ikgaola letsogo la molema, Ke ikane fa ke latlhile reng ke e femela. Kerašiano : Mong wa me, Basanio, o abetse reng ya gagwe Go Moatlhodi yo o neng a e kopa, mme rure rure A bile a e tshwanetse : mme jaana mosimane Momokwaledi Yo o neng a kwadile ka bothata, a kopa ya me, Mme boobabedi morena le motlhanka ba gana dimpho tsotlhe Fa e se direng tse pedi. Porošia : Ga twe o abile reng efe, Mong wa me : E se ka ya bo e le e ke go neileng vone. B asanio : Fa ke ne ke na le gone go oketsa tshiamolo ka maaka, Ke ne ke tla itatola ke omelela : mme o bona monwana wa me Ga o mo rennye epe, ga e yo. Porošia : Le pelo ya gago ya bolotsana e tlhoka boammaarure. Ka magodimo ga nke ke atamela phate tsa gago Go fitlhela ke bona reng ka matlho. N erisa : Lefa e le nna tsa gago, Go fitlhela ke bona ya me. 88
Basanio : Poroťia yo o rategang, Fa o ne o ka itse gore reng ke e ntshitse mpho go mang, Fa o ne o ka itse gore reng ke e abile ka ntlha ya ga mang, Mme o ne o ka tlhaloganya lebaka le ke e abileng ka lone, Le ka fa ke e tlogetseng kgatlhanong le maikutlo a me ka teng, Fa sepe se ne se sa amogelesege fa e se reng fela, O ne o tla fokotsa bogalaka ba kutlobotlhoko ya gago. Poroťia : Fa o ne o itsile molemo wa reng, Kgotsa bogare ba tlhwatlhwa ya monei wa reng, Gongwe tlotlo o e diretsweng go tshodiswa reng, O ka bo o se ka wa kgaogana le reng nakong eo : E ne e tla bo e le motlhoka tlhaloganyo wa fatshe lefe, Fa o ne o itsetsepetse rure go e femela tota Ka mabaka otlhe a tlhwaafalo : o ne a tla supa bogwata Go patika ka selo se se ntsheditsweng modiro : Nerisa o nthuta se ke tshwanetseng ka se dumela, Ke ikana ka magodimo, reng e neilwe mosadi yo mongwe. Basanio : Le goka, Mohumagadi, ke a go ikanela, ke ikana ka mowa wa me Ga e mosading ope, mme e go motlotlegi Ngaka, Yo o ganneng makgolo a me a mararo a madi, Mme a kopa reng ; e ke mo ganetseng ka yone thata, Ka mo lesa gore a mpe a tsamaye a ngadile : E le ene yo o neng a tshwere bone botshelo ka diatla Ba tsala ya me e rategang. Nka bo ke rile’ng, Mohumagadi montle ? Ke ne ka patelesega gore ke e mo latedise, Ke ne ke fenntswe ke ditlhong le pelonomi, Tlotlego ya me ya gana go letlelela tlhoka tebogo Gore e e dilake thata jalo. Intshwarele Mogatsaka, Mme ke ikana ka dinaledi tsotlhe tsa legodimo bosigo, Fa o ka bo o ne o le teng kwa, ke akanya o ka bo o nkopile Reng go nna, go e abela Ngaka e e thusitseng gakalo. Poroťia : A Ngaka eo e se ka ya ba ya lekeletsa go atamela ntlo ya me,
89
Jaaka e setse e gapile ’ntswana ke le ratang la botlhokwa, Ebong seo o neng o ikanetse go se ntshegeletsa, Le nna ke tta nna pelotshweu jaaka o ntse, Mme ga nke ke mo ganela ka sepe ke nang naso, Nnyaa, e seng mmele wame, le e seng ’phate tsa monna wa me : Ke tla mo itse rure, seo ke a se tlhomamisa. Se robale nageng le go rile’ng. Ntisa jaaka mokoro wa khumo, O sa direng jalo, mme fa nka sala ke le nosi, Ke go ikanela tlotlo ya me ke sa ntseng ke e tlotlile, Ke tla itlhophela Ngaka boemong ba gago. N erisa : Nna Mokwaledi wa gagwe : mme elatlhoko thata Gore o ntshia jang ke itisitse ka nosi. Kerašiano : Go siame, dira jalo : mme o bone ke se mo tshware, Gonne fa go ka direga, ke tla senyetsa Mokwaledi go kwala. Antonio : Ke nna motlhodi wa dikomang tse di sa itumediseng tse. Porošia : Morena, se hutsafale, o a amogelwa le ebile go le jaana. Basanio : Porosia, intshwarele teofo e ya patelelo, Mme ditsala tse dintsi tse di reeditse Ke a go ikanela, le ka matlho a gago a mantle A ke bileng ke ipona go one. P orošia : A o ikutlwa gore wa re’ng ? Matlhong a me oomabedi o ipona ka e6i gabedi, Mme o dira maikano a senna. B asanio : Nnyaa, mme nkutlwa. Itshwarele tshiamololo e, mme ke ikana ka mowa wa me Nke ke tlhola gape ke roba maikano a me nao. Antonio : Nkile ka adimela khumo ya gagwe mmele wa me, E fa e ne e se ka ntlha ya yo o tshotseng reng ya gago, E ka bong e latlhegile. Nka ineela go golegwa gape, Ka beelana ka mowa wa me boitlamo, gore Mong wa gago Ga a ke a ba a tlhola a senya tumalano ka kgakololo,
90
Porošia : Mme o tla nna seitlami sa gagwe : mo neye e, Mo laele a e tlhokomele go feta ya pele. Antonio : Tsaya, Morena Basanio, ikanele go tla boloka reng e. Basanio : Ke ikana ka legodimo, ke yone ke e neileng Ngaka. Porošia : Ke e tsere mo go ene : intshwarele Basanio, Gonne ka go mpha reng e, Ngaka o itisitse le nna. N erisa : Mme intshwarele, Kerašiano yo o bonolo, Gonne mosimane wa esemang wa Mokwalela Moatlhodi, Ka go nnaya e, o letse re itisitse mmogo. Kerašiano : Ke eng ne, se se tshwanang le go baakanya ditsela Mo selemong, kwa ditsela di sa epegang bobe : Ao, bathong, a golomo re tlhadilwe re sa leofa ? Porošia : Se bue o phosumela jalo, lotlhe lo gakgametse ; Lekwalo ke le, le baleng le iketlile, Le tswa kwa Padua go Balerio, Go lone le tla bona gore Porošia ke ene Ngaka, Nerisa fale ke Mokwaledi wa gagwe,. Lorentso yo O tla supa fa ke bolotse gongwe le lona, Mme e le gone ke boang : ga ke ise ke bo Ke tsene mo tlung ya me. O mo gae, Antonio, Mme ke go tsholetse dikgang di monate go gaisa Jaaka o solofetse : bula ’kwalo le ka pele, Mme o u t’we gore dikepe tsa gago tse tharo Di tlile di rwele lebopong ka tshoganyetso. Ga o nke o bolelelwa gore ke ka letshego lefe Ke tshoganyeng ke bona lekwalo le. Antonio : Ga ke na molomo go bua. Basanio : Wa re o ne o le Ngaka, mme ka tlhoka go go lemoga Kerašiano : Wa re o ne o le Mokwadi yo o ntlhadisitseng mosadi ? N erisa : Ee, mme Mokwaledi o iseng a ko a ikaelele seo, Fa e ^e a ne a ka tshela a ba a fetoga monna. B asanio : Ngaka e e rategang, o tla nna mosadi wa me. E re mogang ke se yong, o itise le mogatsake.
91
Antonio : Mohumagadi wa Lerato, o mphile botshelo le go tshela ; Gonne fano ke ipalela rure fa ’kepe tsa me Di gorogile gae sentle. Porošia : Go jang go wena, Lorentso ? Mokwaledi wa me o na le se se tla go gomotsang. N erisa : Ee, mme ke tla se mo fa kwa ntle ga tuelo. Ke neela wena le Jesika Le tswang go mohumi wa Mojuta, ’kwalo la kabelo boswa Motlhang a suleng, kabelo ya gotlhe a swang a go ruile. Lorentso : Bahumagadi ba bantle le wisetsa dijo tsa kgoro kgolo Mo tseleng e e tsamayang baitlhoki. Porošia : Bosa bo set '>e bo atamela, Mme ke a tlhomamisa ga le ise le tšhuisege Ke ditiragalo tse tsotlhe ka botlalo. A re tseneng, Mme le re garaswanye ka dipotso tse dintsi, Mme re tla araba tsotlhe ka tlhwaafalo. Kerašiano : A go nneng jalo, potso ya ntlha E Nerisa wa me a tla e ikanisediwang ke Gore a go fitlhela bosigo bo tlang a ka mpa a dula Kgotsa a robala, ka e le fa mahube a moso a dule ; E tla re ’tsatsi le dule, ke eletse go ka nna bosigo, Ka tla ka ikhutsa diphateng t^a Mokwaledi wa Ngaka. Mme, fa ke sa tshedile, ga nke ke tshaba sepe gape Se ka tlisang pelobotlhoko, go feta tiso ya reng ya Nerisa. B a a ts w a .
e>/b'2i<i32'r _
S
_L
G ^.3,'ROS' H F \K L S
A FQJ
t_
.feci< y
Cf\
_____
S'EjS
UNIVERSITY LIBRARY MILNER PARK — JOHANNESBURG
This book may not be retained after the date last stamped below. A renewal for a further period of 7 days may be granted unless the book is in demand.
Fin es, as sch ed u led in the R u les and R eg u la tion s, a re in c u rre d on overdue books.
This book is not transferable. It will remain your charge until returned by you in person. SWAN PRESS 68736